Banana ba tshegeditse ngwao
28 Oct 2014
Banana bangwe ba Tonota ba santse ba ipela ka ngwao ya Setswana.
E rile a bua mo moletlong wa itloso bodutu o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa Ikageng bosheng, moeteledipele wa one Mme Kedego Kebonang a tlhalosa fa maikaelelo magolo a bone ele go leka go amogana megopolo le go dira mo ba ka go kgonang go ntsha banana bogolo jang ba ba sa berekeng mo mebileng.
A re ba lemogile fa palo e e kwa godimo ya banana e amilwe ke letlhoko la ditiro, ka jalo ba tswa ka mogopolo wa go tshwaragana go dira ditiro tsa diatla di tshwana le go loga, go roka le go betla. Banana bao ba supile fa ba dira dilo di le mmalwa di akaretsa morabaraba o o dirilweng ka legong le diaparo tse di logilweng.
Mme Kebonang a re fa ba sena go dira dilwana tseo, ba a di rekisa mme madi a nna mo letloleng. O boletse gore maikaelelo ke gore morago ga nako e e beilweng, ba bo ba kgaogana madi ao go ithusa ka one.
Mme Kebonang a re mokgatlho o o simolotsweng ngwaga ono ka Moranang o na le banana ba le masome a mararo le botlhano mme bontsi jwa bone ga bo bereke
Mme Kebonang o tlhalositse gore tota moletlo oo, e ne e le tsela nngwe ya go ngokela banana go nna maloko.
A re ka mokgatlho o ise o kwadisiwe semmuso ga ba ise ba simolole go kopa dithuso dipe tsa madi mo bathong ka jalo ba santse ba dirisa bonyennyane jo bo tswang mo dipateng tsa bone.
O tlhalositse fa ba eletsa banana ba bangwe, bogolo jang ba ba sa berekeng ba ka tsaya malebela mme ba dira sengwe ka matshelo a bone go na le go tlhola ba ntse fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : TONOTA
Event : Moletlo wa itloso bodutu
Date : 28 Oct 2014