Komiti ya Semitwe e dira ka natla
27 Oct 2014
Komiti ya ditlhabololo tsa Semitwe e tsweletse ka go ema nokeng mananeo a puso a maikaelelo e leng go tokafatsa matshelo a ba ba amilweng ke lehuma gammogo le ba ba tlhokileng lesego.
Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Dominic Masalila a re komiti e dira ka gotlhe e bile e ithaopile go thusa maphata a puso a a tsamaisang mananeo a.
Rre Masalila a re komiti e dirile thulaganyo ya go nna ba bitsa diphuthego go rutuntsha banni ba motse ka one mananeo a le bomosola jwa one. A re ba lemogile fa go le botlhokwa go ema nokeng mananeo ao gore maikaelelo a one a tswe tema.
O boletse fa ba ithaopile go rutuntsha morafe le gone go ba rotloetsa go ikopela dithuso ele nngwe tsela ya go supa kemo nokeng ya one. Go sale foo, Rre Masalila a re ba dira ka gotlhe go netefatsa gore dikitsiso ka mananeo a di amogelwa ke botlhe mo motseng.
A re maloko a komiti ba tsamaya gangwe le gape mo motseng go lekodisa bagodi le bangwe ba ba sa kgoneng go tsena diphuthego ka mabaka a a farologaneng ka mananeo le go utlwa matshwenyego a bone mme ba a rolele diofisi tse di maleba.
Kgosi wa motse oo, Rre Joseph Batisani le ene o akgotse komiti e a supa fa e tshwere ka thata le ntswa e lebanwe ke namane e tona ya tiro e ba e dirang ka bonatla le ka botlhaga.
A re komiti ya ditlhabololo tsa motse ke yone matlho a morafe gape e netefatsa fa tsotlhe di apere tshiamo mo motseng.
O tsweletse a re le ntswa ba dira tiro e e kalo, go a itumedisa go bona maloko a dira ba le seopo sengwe mme gape ba tsweletse ka go dira ditiro dingwe ka mowa wa boithaopo.
O bile a supa fa ditiro dingwe tse di setseng di dirilwe ke komiti e di kgatlhisa gape di na le motlhala.
A re dingwe tsa ditiro tse di dirilweng di akaretsa go epiwa ga lehuti la matlakala le maikaelelo eleng go kokoanya matlakala golo gongwe go itsa gore a gasame le motse mo a felelang a nna diphatsa mo bathong le diruiwa tsa mo gae.
Kgosi o supile fa a itumedisiwa ke go bona komiti e emetse ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng ka dinao. O tlhalositse fa komiti e thusa ka nako ya go thapiwa badiri ba lenaneo leo mme e bile e netefatsa gore ditiro tsa lenaneo tse di abilweng di dirwa ka natla gape di wediwa ka nako e e beilweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 27 Oct 2014