Breaking News

Morero o botlhokwa - Ramaditse

27 Oct 2014

Go a itumedisa go bona mowa wa therisano o santse o tshegeditswe fa gare ga baeteledipele ba lefatshe leno le merafe ka kakaretso.

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Joseph Ramaditse wa Sepako mo kgaolong potlana ya Tutume, a re seo se netefadiwa ke diphuthego tsa kgotla tse baeteledipele ba di tshwarang gangwe le gape go utlwa megopolo le matshwenyego a Batswana.

Kgosi Ramaditse o kaile fa morero o le botlhokwa ka jaana ele one o agileng lefatshe leno, a tlatsa ka go tlhalosa fa kagiso le popagano fa gare ga merafe ka go farologana e le maduo a morero. 

O supile fa bokao jwa morero bo tshwanelwa ke go tlotlwa ka ele one o ka tlhomamisang fa tsotlhe di apere tshiamo. O tsweletse a tlhalosa fa morero o dira gore batho ba utlwane ba bo ba nne le tshepo mo go ba ba eteletseng pele. 

O bile a supa fa morero o neela Batswana sebaka sa go ntsha matshwenyego le dingongorego tsa bone sentle mo baeteledipeleng ba bone. Mo go tse dingwe, Kgosi Ramaditse a re o itumedisiwa ke go bona bogodu jwa dinaka tsa ditlou jo bo neng bo tshwenya bo tsweletse ka go wela tlase. 

A re ba sepodisi le ba lephata la diphologolo le makgabisa naga gammogo le ba komiti ya twantsho borukhutlhi ba dira ka thata go lwantsha polao ya diphologolo tsa naga le bogodu jwa dinaka tsa ditlou jo bo neng bo tsere phekelo e sele mo motseng le mafelo mangwe a a gaufi.

Go sale foo, Kgosi Ramaditse o supile gore ba tlhorontshiwa ke diphologolo tsa naga bogolo jang ditlou ka paka ya selemo gonne megobe le mafelo mangwe a di nwang mo go one a a kgala ka jalo di patelesega go tsena  mo motseng di le mo patlong ya metsi. 

A re ditlou tse di tla ka dipalo tse di kwa godimo di gobeye mo motseng di baka tshenyo ya didiba tse banni ba motse ba nwang mo go tsone.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Ramaditse a re ka thuso ya ba lephata la diphologolo le makgabisa naga, ba nna ba dira ka gotlhe go leka go alola ditlou tseo mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 27 Oct 2014