Breaking News

Podi ke seruiwa se se bonolo

27 Oct 2014

Mme Portia Keagile wa kgotlana ya Ditlharapa kwa Ngwapa mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami a re podi ke seruiwa se se seng dingalo go ka tshela le motho ka se le motlhofo go tlwaela fa se tshelelang teng gape se kgona go itepatepanya le diemo tse di thata.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Keagile yo o boletseng fa puso e mo thusitse ka dipodi a re e ne ya re ka 2012, a fiwa dipodi tse dinamagadi di le boferabongwe le e tonanyana e le nngwe ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Keagile a re le ntswa a ise a simolole go rekisa dipodi tsa gagwe, o na le tumelo e e tletseng gore ka lengwe la malatsi di tla a bo di mo tlodisitse melatswana fa a lebile ka fa di tsweletseng ka go ata ka teng.

A re mo ngwageng o o fetileng di ne tsa mo tsalela dipotsane di le supa mme mo nakong eno di  ferabobedi di a dusa. Mme Keagile a re gareng ga dithuso tse di kanakana tse puso e di fang Batswana o itlhophetse thuo ya dipodi ka a na le kitso e ntsi ya go di tlhokomelo. A re fa a gola o fitlhetse batsadi ba gagwe e le barui ba dipodi ke ka moo a di tlhaloganyang botoka.

O tsweletse ka gore puso e ne ya mo fa nako ya go ikoketsa kitso e a nang le yone  kwa thuto puisanong e e neng e tshwaretswe kwa Sehunou. Mme Keagile o kaile fa lorato e le lone konokono mo sengwe le sengweng se motho a ikaelelang go se dira. A re o utlwisiwa botlhoko ke batho bangwe ba ba amogelang dithuso tsa puso mme ba sena lorato mo go tsone.

O boletse gape gore kgwetlho ke selo se motho a tshwanetseng go ithuta go se lwantsha gore se seka sa mo digela fa fatshe. A re le fa motse wa bone o lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la mokenti ene ga a ka a ipona tsapa ka a ile a itsalanya le rre mongwe wa morui go mo thusa ka maano a go sireletsa dipodi tsa gagwe mo malwetseng a a ka di tshwenyang

O supile fa jaanong a lwa thata le bogodu jwa leruo ka go disa dipodi tsa gagwe. A re o setse a rutile le bana ba gagwe gore fa go na le mabaka a a mo tshwereng ba bo ba ka mo tswa thuso.

Mme Keagile a re e ne ya re ngwaga o o fetileng podi nngwe ya gagwe ya tsena ka lenga la seloko ka jalo ga  a batle gore seemo seo se ipoeletse.

O kopile Batswana go tshwaragana le puso gore e re mo ngwageng o o tlang go bo go na le tema mo maitekong a yone a gore setshaba sa Botswana se tshele botoka.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 27 Oct 2014