Breaking News

Balemi ba itlhokoletsa temo

27 Oct 2014

Balemi ba Mokobeng kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ga ba ise ba tlhole ba re ba boela kwa gae morago ga go roba thobo ya bone ka ba ne ba semelela mo go baakanyetseng temo e e latelang. 

E rile a bua mo potsolotsong, modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Mme Dorothy Phodiso a re selo se se gwetlhile le ba bangwe ba ba neng ba sa lema ngogola gore le bone mono ngwaga ba itsose. 

Mme Phodiso a re balemi ba setse ba ikwadiseditse dithuso tsotlhe go tswa mo pusong di akaretsa dipeo le menontshane. O boletse gore bangwe ba ntse ba tsweletse ka go lemolola masimo mme bangwe ba setse ba feditse.

Mme Phodiso a re terata e e kgaoganyang mafudiso le masimo le yone e mo seemong se se sa belaetseng.  O tsweletse ka gore, selo se sengwe se se mo itumedisang le go feta ke go bona bontsi jwa boraditerekere ba ba mo motseng wa bone ba setse ba supile fa ba na le dipolantere.

Mme Phodiso o tsweletse ka go supa fa a ipela ka gore motse wa bone ga o ise o kopane le seemo se se maswe sa tlhaelo ya diterekere jaaka go diragala mo metseng e mengwe. 

O kaile gape gore tshwaragano ya balemi ba Mokobeng le ba ofisi ya temo-thuo kwa Machaneng ke e e kwa godimo ka ba tshela ba lekodisana ka seemo sengwe le sengwe se ba kopanang le sone mo temo-thuong. 

A re tota ba malala a laotswe, ba emetse fela gore lerothodi la ntlha le wele mo mmung ba bo ba tlhoma megoma mo go one. O rotloeditse Batswana go ikitaya ka thupana go tsibogele go lema ka ditselana ka go na le maduo a a molemo fela thata. 

O kopile borre go itsosa ka go supega fa dipalo tsa bone di le kwa tlase mo temong.  Go sale foo, Mme Phodiso o supile fa thobo ya temo e e fetileng e ne e le botoka thata fa a e tshwantshanya le ya dingwaga tse dingwe. 

A re bontsi ja balemi ba bolaile ditloo le mabele le ntswa a ntshofaditswe ke pula.  O boletse gore dijalo tse dingwe di ne di le boutsana ka di sale di sentswe ke metsi a pula di santse di le dinnye. Mme Phodiso o rotloeditse balemi ba Mokobeng go tswelela ba tsaya temo ka tlhoafalo segolo jang ka puso le yone e tsentse letsogo thata mo go yone. 

A re o eletsa gore mo dingwageng tse di tlang lefatshe leno le bo le ka supetsa Batswana ba ba sa tseyeng temo ka tlhoafalo mosola wa yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : SEFHARE

Event : Potsolotso

Date : 27 Oct 2014