Breaking News

Ba Tsabong ba itumelela dipodi

27 Oct 2014

E  rile bosheng banni ba Tsabong ba ba ba atlegileng mo kopong ya dithuso tsa lenaneo la nyeletso lehuma ba bo ba tshologetse kwa kgotleng ya motse oo go rekelwa dihutsane ke ba lephata la temo thuo.

Mongwe wa ba ba reketsweng, Mme Magret Danster o supile fa thuso e, ele tona mme e bile go sena ope yo o ka e fang motho mahala, ka jalo a akgola puso go bo e atolotse letsogo go ntsha ba ba tlhokileng lesego mo lehumeng. 

A re mpho eo, e tshwanelwa go tlhokomelwa gore e ate le gone go diragatsa maikaelelo a lenaneo a go nyeletsa lehuma.  O gakolotse ba ba amogetseng dihutsane gore ba di tlhokomele gore di kgone go ata le gone go kgatlha bareki mme a ba rotloetsa go kopa dithuso mo lephateng la temo thuo fa ba nale bothata.

Le fa go ntse jalo, Mme Danster o tlhalositse fa a tshwentshwe fela thata ke bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.  O kopile Batswana go inaakanya le mananeo a puso gore ba lese go tswela pelo leruo le eseng la bone. 

O  tsweletse a gakolola banni ba kgaolo eo gore ba tshwanetse go nna pelo telele fa ba kopile dithuso tsa nyeletso lehuma ka go tsaya lebaka le le leele ka jaana bodiredi bo le palo potlana  ntswa ba thusa kgaolo yotlhe ya Kgalagadi Borwa.

Rre Jan Kganauwe yo le ene a amogetseng dihutshane, a re lenaneo le ke sesupo sa gore puso e eteletse pele mo go diragatseng letshego la tebelopele ya 2016 la go nna setshaba se se kutlwelobotlhoko. 

Rre Kganauwe o kaile fa kgaolo ya Kgalagadi e itsege ka go rua mme lehuma le isitse tlase thuo e e neng e tlwaelesegile eo, ka jalo e tsosolosiwa ka thuso ya lenaneo le.

Rre Kganauwe o kaile fa gape kgaolo e e sa tlwaelesega ka malwetse a leruo ka jalo go solofetsa gore lenaneo le tla ungwa maungo a a tsholetsang itsholelo ya lefatshe leno e e ikaegileng ka mohama wa temo thuo.

Mongwe wa barui ba Tsabong, Rre David Dekoker a re o itumeletse gore lenaneo le le tlisetsa barui marekisetso a a ikanyegang. Le ntswa a akgola puso, o tlhalositse fa a sa itumedisiwe ke dituelo tse di tlang thari tse a reng di kgoba barui marapo gore ba rekisetse lenaneo le.

Mogolwane mo lephateng la temo thuo, Rre Peter Manguba o kaile fa ba abetse banni ba Tsabong ba le 37, ba le batlhano ba Maubelo  fa ba Mc Curthy’s Rust gone  ba abetse motho a le mongwe fela dihutshane. 

Rre Manguba o tlhalositse fa ba ba thusiwang ka lenaneo le ba fiwa ithutuntsho tsa go tlhokomela dihutshane go itsa malwetse le go swa mme di oketsege ka di le bogadi bo gaufi gonne di  kgona go tsala gabedi mo ngwageng. 

Mo godimo ga moo o supile fa nama ya dihutshane e meletswa mathe ke bontsi jwa baji bareki ka jalo marekisetso a dihutshane a tlhomamesegile mme e bile  go sena pelaelo ya gore go rua ga bone go tla atlega.

Rre Manguba o gakolotse ba ba thusitsweng  ka lenaneo le go tlhokomela leruo le mme a gakolola ba ba iseng ba tseye lenaneo le mme ba nale kgatlego gore ba inaakanye le maphata a temo thuo le boipelego gore ba bone dithuso tsa lone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Oct 2014