Bakwena ba rotloediwa go abela ntlo ya ditso
26 Oct 2014
Bakwena ba rotloeditswe go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela matlotlo le ditso tsa bone ka go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa botlhokwa tsa setso le ngwao eseng fela go ikaega ka go di rekisa.
Fa a bua mo puisanong bosheng, mogolwane wa tlhokomelo ntlo ya ditso ya Kgosi Sechele I, Rre Power Kawina o tlhalositse gore le fa seabe sa Bakwena mo go somareleng ngwao le ditso tsa bone e le sa maemo a a kwa godimo mme gone ba saletse morago golo gongwe.
O tlhalositse gore ntlo ya ditso e botlhokwa mo banning ba kgaolo ya Kweneng ka gore e itlamile go nna le seabe mo go fetoleng matshelo a bone. O boletse gore e rile kwa tshimologong bontsi jwa batho ba bo ba sa le etele mo go nametsang mme mo nakong eno bontsi jwa batho ba le etela ka bontsi go ithuta le go bona didirisiwa tsa ngwao.
O tsweletse a re ntlo ya Kgosi Sechele 1 ke yone konokono mo kgodisong tshomarelo ya ditso le ngwao ya Bakwena. A re ntlo e, e thusa morafe ka go bapatsa dilwana tsa setso tsa kgaolo ya Kweneng mme e bile e ikemiseditse go thusa go tswakanya itsholelo mo kgaolong eo.
Go ya ka Rre Kawina le fa gone morafe o sa dire go lekane go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa setso gone bangwe ba dira go le gontsi. A re Kgosi Sechele 1 e ipela ka mophato wa Matsosa-ngwao o o tshwaraganeng le bone go tshegetsa le go ruta ka ditso le ngwao ya Bakwena.
Fa a bua ka seabe sa mophato oo, o o tlhamilweng ke bomme ba ba tshotsweng ka 1930, a re le fa bomme bao ba setse ba sa kgone ka ntlha ya bogodi e bile ba bangwe ba seo mo botshelong, bana ba bone ba tsere marapo mme ba tsweletse sentle go tshegetsa ngwao le ditso ka mophato oo.
O boletse fa Matsosa-ngwao ba ithaopile go ntlafatsa matlo a setso a bojang ka go dira lekgapho ngwaga le ngwaga. O nankotse ditiro tse Matsosa-ngwao ba di dirang kwa ntlong ya ditso jaaka go ruta batho kapei ya dijo tsa Setswana tse di fitlhelwang mo kgaolong ya Kweneng gammogo le go ruta ka tumelo le setso sa Bakwena jaaka lenyalo le phitlho ya Sekwena.
Rre Kawina a re Bakwena ba tshwanetse go intsha setlhabelo ka go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa botlhokwa tsa ngwao ka gore ntlo eo ga e mo maruding a lephata la ditso le ngwao fela mme ke ya Bakwena ka bophara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kamogelo Nkile
Location : MOLEPOLOLE
Event : Puisano
Date : 26 Oct 2014