Direkere di fa banni ba Draaihoek dikobo
26 Oct 2014
Batswana ba tsweletse ka maiteko a go thusanya go leka go tsholetsa matshelo a bangwe ka bone ka maikaelelo a go fokotsa lehuma le le tseneletseng.
Dikereke tsa Draaihoek di ne tsa kokoanya madi ka nako ya go rapelela pula ka Phalane mme tsa dumalana go thusa banni bangwe ba motse ka go ba rekela dikobo.
Modulasetilo wa dikereke mo motseng oo, Mme Mosese Gaobape o tlhalositse fa dikereke tse thataro tsa Saint John, UCCSA, Holy Church, Botswana Independence Church, Unity Church le Spiritual Healing Church di ntshitse baemedi ba ba neng ba ema ka dinao go ntsifatsa madi a ba a kgobokantseng go simologa ka 2012. O tlhalositse fa ba ne ba itela mo morafeng mme bangwe ba araba selelo sa bone ka go ba tswa thuso mme morago ba rekela banni ba le lesome le borataro dikobo.
Sebui sa tlotla sa letsatsi la kabo dimpho eo, Rre France Vander Westhuizen o akgoletse dikereke tseo tiro e di e dirang ya go thusa puso ka go tsenya letsogo mo go tokafatseng matshelo a Batswana ba bangwe. A re go tshelela Modimo ke selo se se monate thata ka go ka dira gore motho a itse botlhoki jwa mongwe ka ene gammogo le go aba ka go le lesego letsogo le le abang.
O tlhalositse fa mafatshe a a humileng le one a na le batho ba ba tlhokang mme a supa gore le fa motho a na le diaparo, dijo le boroko go nna go na le letlhoko la sengwe ka jalo go abelwa go baya motho mo seemong sa gore a itse gore boleng jwa gagwe bo raya sengwe mo go ba bangwe.
Moruti wa Spiritual Healing Church go tswa kwa Makopong, Rre Donald Mogaga o akgotse dikereke tseo thata a bo a tlhalosa gore go tshegetsa molao wa Modimo le go kopa mo go ene go tlisa ditshegofatso e bile go godisa bobelotlhomogi.
E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, kgosi Charles Bimbo wa motse oo, a akgola morafe wa gagwe a bo a o rotloetsa go tswelela o dira jalo gore e re ka 2016 e bo e le tshaba e e nang le maduo a kutlwelobotlhoko.
Mongwe wa batho ba ba abetsweng dikobo, Mme Sarah Besson a re se se mo gakgamaditseng ke gore batho ba motse o monnye go le kalo ba tsaya kae botlhale le kakanyo ya go aba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keiketlile Kelefhile
Location : TSABONG
Event : Kabo dimpho
Date : 26 Oct 2014