Masika a fitlha baswi gape
26 Oct 2014
E rile ka Matlhatso masika le ditsala tsa baswi bangwe ba ba fitlhilweng kwa mabitleng a Goorra Seretse kwa Serowe ba katolola baswi ba bone go ba fitlha gape.
Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Patrick Mbikiwa o tlhalositse fa ba ne ba begelwa tiragalo eo, mme ya re ba tsena kwa mabitleng ao ba fitlhela e le gore mabitla a ka nna matlhano a katolotswe.
Superintendent Mbikiwa a re ba ne ba itsise masika a beng ba baswi bao mme ba tlhalosa fa le bone ba sa itse gore go ka tswa go diragetse eng mo mabitleng a batho ba bone. A re le fa go ntse jalo, ba ne ba kopa botsadi go kopana kwa mabitleng go tla go epolola mabitla ao gore ba a tlhatlhobe go bona gore go ka tswa go diragetse eng.
O tsweletse a tlhalosa gore mabitla otlhe ka botlhano a ne a katololwa mme ga fitlhelwa makesi le baswi ba one ba le mo teng selo se se gakgamaditseng ba le bantsi gore yo o neng a a epolola o ka tswa a ne a batla eng.
Superintendent Mbikiwa a re tiragalo e ke ya ntlha go diragala mo Serowe mme e bile a tlhalosa fa ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare mabapi le tiragalo eo. A re le bone e le ba sepodise ba sa ntse ba ipotsa gore monna yoo o ka tswa a ne a batla eng mo teng ga mabitla ao ka go lebega a ne a epa diphuphu tse di fitlhilweng ngwaga ono.
O kopile banni ba Serowe le metse e e mabapi go ya kwa mabitleng mangwe le mangwe a ba fitlhetseng mo go one go ya go tlhola gore a mabitla a batho ba bone a santse a le mo seemong se ba a tlogetseng a le mo go sone.
Mongwe wa ba ba amegileng, Rre David Botumile o tlhalositse gore ba ne ba fitlha mmaagwe ka Seetebosigo mme ga ba itse gore monna yoo o ka tswa a ne a batla eng mo lebitleng la motsadi wa bone mme e bile ba sa mo roma. A re go botlhoko e bile ke matlhabisa ditlhong gore motho a bo a ka tsenelela mabitla a a katolola a bo a a katela o sa itse gore o batla eng mo go one.
Mme Nametso Otsile le ene o tlhalositse gore ba ne ba santse ba re ba fodisa dipelo jaanong bohutsana bo tsogile gape. Le ene a re ke matlhabisa ditlhong e bile go botlhoko gore moswi a epololwe a bo a fitlhwa gape le gone go sa itsiwe gore yo o neng a dira tiro eo o batla eng. A re bone ba ne ba tseela gore motho wa teng o tsaya makesi mme ka go lebega a le teng le baswi ba le teng ba ipotsa gore motho yoo o ka tswa a batla eng tota.
Mme Otsile a re ga se ka fa ngwaong ya Setswana gore moswi a katololwe le gone ke motho fela yo o sa amaneng le ene. O kopile gore go nne le batlhokomedi ba ba nnang kwa mabitleng ao ka a ageletswe go laola mesepele ya batho gonne go lebega batho ba simolotse ditiro tse di sa tlwaelesegang mo baswing ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 26 Oct 2014