Breaking News

Gakologelwang Ngwao

26 Oct 2014

Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o rotloetsa Batswana go gakologelwa ngwao ya bone ka nako tsotlhe.

O dirile thotloetso e ka Laboraro kwa kgotleng e kgolo ya Serowe fa a ile go dumedisa morafhe. Tautona Khama o tlhalositse fa ngwao e le botlhokwa thata ka e le ditso tsa Batswana, tse di simologeleng pele Botswana e tsaya boipuso.

Tautona a re Motswana o tshwanetse go nna le botho le mowa wa go thusa bangwe ka ene. O tlhalositse gore ka ngwao ya Setswana ngwana o tshwanetse go dumedisa mogolo le go fa motsadi setilo. A re go ganetsana kgotsa pharologano ga mekgatho ya sepolotiki gase tetla ya go fapoga ngwao ka go tlhoka maitseo .

Tautona Khama a re Batswana ga ba a tshwanela go lebale go tlhokomela bagolo ka gore bagodi ba tswa kgakala ba ba tlhokomela . O ne a gwetha Batswana go ema ka dinao go kgalema batho ba ba arogang(tswang) mo ngwaong.

Tautona a re puso e rile e lemoga gore ngwao e salela kwa morago ba seka ba ipona tsapa ba simolodisa dikgaisano tsa mmino le metshameko go godisa ngwao.

A re se se a itumedisa ka banana ba le bantsi ba tsenelela dikgaisano tse.Se se itumedisang le go feta a re ke go bona banana ba lefatshe le no baya ko mafatsheng a a ko mosejago go supa ngwao, ebile mafatshe oo a supa fa a tla a tswelela ka go ba laletsa.

O ne a abela morafhe dimpho tse di farologaneng mme morago a a je dijo tsa maitseboa le bone

Dimpho tse di akaretsa dikobo tse makgolo a mararo le masome a mane (340)dikgetsana tsa phaletshe le mabele,dipone tse di dirisang letsatsi le dibaebele go rotloetsa morafhe go nna gaufi le modimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 26 Oct 2014