Breaking News

Batlhophi ba tla ka go rotha

24 Oct 2014

Morago ga mela e meleele e e neng e bonala mo matlhophelong ka bontsi mosong ono, mo tshokolong seemo se ne se fetogile batlhophi ba tla ka go rotha.

Ntswa bangwe ba tshwana le rre Magogodi Ramotlhagosi yo o neng a tlhophela kwa Moruleng a ne a sale a nnile mo moleng masigo a kgaogana, ga a ka a tshwara “seboko se se kima” ka jaana a ne a nna mongwe wa ba maina a bone a neng a sa kwala, lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le ne la tsibogela seemo se.

Mo tshokolong go ne go bonala manotonyana a batlhophi mo matlhophelong kwa sekolong se sebotlana sa Westwood International fa kwa Lot 25777 go ne ga iponatsa ba le bane fela. 

Batlhophisi ka bontsi go lebega ba ne ba emetse nako ya bosupa gore ba tswale fa kwa Mosekangwetsi mapodisi ba ne ba setse ba tsenste dikganedi go supa fa matlhophelo a tswetswe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : GABORONE

Event : Ditlhopho

Date : 24 Oct 2014