Ba-tlhoka-pono ba tlhophile kwa Selebi Phikwe
24 Oct 2014
Batlhophi ba le barataro kwa kgaolong ya botlhophi ya Selebi Phikwe Bophirima ba kgonne go tlhopha morago ga gore go nne le ketsaetsego ya gore ba ka thusa jang.
Motsamaisi wa ditlhopho kwa kgaolwaneng ya botlhophi ya Sesame, Rre Mogorosi Kokoro, a re ba kopane le kgang eo kwa kgaolwaneng ya Halleluja Church of God.
A re ba ne ba tshwanelwa ke go leletsa kwa ofising e e tsamaisang ditlhopho (IEC) go rarabolola kgang.
O tlhalositse gore batlhoka pono ba tshwanetse go tsena le ba ba tsileng le bone mo lefelong la tlhopho gore ba tshwaye dikeletso tsa bone.
Mme gape ba tshwanetse go patiwa ke motsamaisi wa ditlhopho go tlhomamisa gore ba ba thusang ba dira dikeletso tsa bone.
Kgaolo ya Selebi Phikwe Bophirima e emetwe ke Rre Opelo Makhandlela wa phati ya Botswana Democratic Party (BDP), Rre Dithapelo Keorapetse wa Botswana Congress Party (BCP), le Rre Moeti Mohwasa wa Umbrella for Democratic Change (UDC).
Kgaolo eo ya botlhophi e na le mafelo a botlhophelo a le masome a mabedi le bongwe (21) fa ba batlhophi b aba ikwadisitseng ba le 10 233. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepo Mongwa
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Ditlhopho
Date : 24 Oct 2014