Breaking News

DPSM e golola badirela puso

22 Oct 2014

Lephata la phiro ya badirela puso la DPSM le bolela fa badirela puso ba tlaa tsoga ba rebolwa go sa le nako, go ba fa sebaka sa go tsaya mesepele ya go ya ditlhophong tsa setshaba.

Mookamela lephata la phiro ya badirela puso, Rre Carter Morupisi o boletse gore badirela puso ba tlaa gololwa mo tirong go simologa ka nako ya lesome le bobedi kamoso ka Labone kgwedi eno e le masome mabedi le boraro, gore ba kgone go tsamaela kwa ba yang go tlhophela teng.

Le fa go ntse jalo baokamedi ba mapahta a mmuso ba kopiwa go ela tlhoko gore go sala badiredi ba ba tlaa tsweledisang ditirelo tsa setshaba.

 

Source : DPSM

Author : DPSM

Location : GABORONE

Event : Kitsiso

Date : 22 Oct 2014