Breaking News

Mmuso o tla aga boroko jwa baithuti

22 Oct 2014

Mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Kalamare, Rre Gosirang Noke, o boleletse banni ba motse oo fa puso e tla a dirisa P35 million go aga boroko jwa baithuti kwa sekoleng sa Kalamare Junior Secondary School.

Rre Noke yo a neng a latlhegelwa mo ditlhophong tsa peo letlhokwa tsa phathi ya Domkrag ngogola, o buile mo phuthegong ya kgotla e mo go yone a neng a laela batho ba kgaolwana eo, ba ba neng ba mo roma kwa khanseleng morago ga go mo tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2009.

A re ka ntlha ya kemonokeng ya morafe, popagano, tirisano mmogo le mopalamente, puso e kgonne go sekegela selelo sa bone tsebe mabapi le go agela baithuti ka e bile ba ne ba setse ba fudugela kwa dikoleng di sele.

A re ditiro dingwe di akaretsa kago ya ntlwana ya pelegiso kwa kokelwaneng ya motse wa bone le ya matamo a Phuduhudu, Mmanare le Rasomana di ne tsa seegelwa kwa thoko ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo ya mafatshe jalo a kopa mokhanselara yo o tla mo tlhatlhamang go tsweledisa ditiro tseo.

Rre Noke o rile ere ntswa a latlhegetswe ke ditlhopho tsa peo-letlhokwa  ga go kake ga mo kgoba marapo go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse wa Kalamare ka jaana ele ngwana wa motse oo. Mo phuthegong eo, Rre Noke o ne a abela komiti ya ditlhabololo tsa motse, ya botsogo, sekole sa bananyana le poso ditilo dile lesome komiti nngwe le nngwe.

E rile ba akgela, banni ba Kalamare ba akgolela Rre Noke kemedi ya gagwe kwa khanseleng ka jaana a kgonne go ba direla ditlhabololo di le mmalwa ka lenaneo la Ipelegeng mme ba bolela fa ba ngongoregela go tlhoka go ba tsenyetsa tanka ya jojo mo sekoleng sa bananyana le ntswa a ne a ba solofeditse.

Ba tsweletse ba re ga ba itumedisiwe ke ditiro dingwe tse di sa dirwang tsa Ipelegeng  ntswa puso e ne e dumelane go di dira ka lenaneo la Ipelegeng mo ngwageng wa madi wa 2013/2014.

Bokhutlo.

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng le Faeson Kgomotso

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Oct 2014