Breaking News

Itshetseng ka meamuso ya tlholego - Somolekae

22 Oct 2014

Puso e rotloeditse banni ba metse ya Qangwa le Xaixai mo kgaolong ya Okavango go itshetsa ka meamuso ya ditsa-tlholego tse di leng fa go bone.

Fa a buisa diphuthego kwa metseng eo bosheng, mothusa tona yo gape e leng motshwarelela tona ya tsa tikologo, diphologolo le bojanala Mme Gloria Somolekae o tlhalositse fa go le botlhokwa gore banni ba metse e ba tswe ka megopolo e ba ka dirisang ditsa tlholego go itshetsa ka ba nna gaufi le tsone.

O tsweletse a supa fa go tlhamilwe lekalana la motse la Qangwa Development Trust ka dithuso tsa puso gore go dirwe mafelo a boroko a batho ba metse ba ka kgonang go bona ditiro mo go one.

A re gape puso e tshwenyegile thata ka kgang ya diphologolo di tshwana le ditlou tse di tsweletseng di senyetsa batho kwa masimong mme a supa fa ele maitlamo a yone go thusa metse eo.

O tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya go bula ofisi ya diphologolo kwa motseng wa Sehithwa fa kgwedi eno e fela go thusa bodiredi gore bo nne gaufi gore bo kgone go tsibogela mathata a go senyetswa ke diphologolo fa a tlhagoga.

Mme Somolekae o kaile gore go botlhokwa gore morafe o dirisanye le bodiredi sentle gore seemo se se fenngwe. A re puso e tlamiwa ke melao ya mafatshefatshe go tlhokomela diphologolo le gone gore ba seka ba di bolaya.

 Fa a ama tsa botsogo, o gakolotse bomme go emisa go belegela kwa malwapeng go sena ba bongaka gonne go borai fela thata mo matshelong a bone.

O kopile batsadi go jesa bana dijo tse ba di neelwang kwa sepateleng mme a kgala bomme ba ba tsamayang le bana fa baya go nwa majalwa mme a rotloetsa botlhe ba ba tsayang dipilisi go sala ditaelo tsa bongaka morago.

Mothusa molaodi wa kgaolo, Rre Tshepo Mogojwe o boletse fa lephata la bone le a mangwe ba na le lenaneo la go nna ba etela metse e e kgakala le ditlamelo go di tlisa gaufi le bone mme le mo ngwageng ono ba ntse ba tsweletse ka go dira jalo.

Bokhutlo.

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Oct 2014