Breaking News

Ba rotloediwa go somarela ngwao

22 Oct 2014

Banni ba Struizendam kwa Kgalagadi ba rotloeditswe go somarela ngwao ka go e fetisetsa kwa baneng ba bone ka seo se ka thusa mo go e tsosoloseng le go e somarela gore e seka ya nyelela.

Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela ngwao kwa motseng oo bosheng, mothusa mokwaledi mo lephateng la makgotla a Setswana mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Regina Mosweu o tlhalositse fa bodiragatsi bo na le seabe se se botlhokwa mo ngwaong.

Mme Mosweu a re ditso tsa Botswana di supiwa mo dilong di tshwana le moopelo gammogo le mmino ka jalo go botlhokwa go tsaya karolo mo go tsone ka e le tsela nngwe ya go somarela ngwao.

Mme Mosweu o gakolotse morafe fa lephata la banana, metshameko le ngwao le ikemiseditse go tlotlomatsa le go somarela ngwao e bile gape le itlamile go ba thusa ka bogakolodi, thotloetso le dithuso tsotlhe tse ba di tlhokang ka jalo a ba kopa go le dirisa.

O tsweletse a tlhalosa fa lephata le, le ne la rulaganya puisano le batsaya karolo le morafe ka maikaelelo a go batla go itse kwa mmino wa Polka o tlholegang teng mo lefatsheng la Botswana.

Fa a tlhalosa maikaelelo magolo a letsatsi leo, mooki wa motseng oo, Mme Boitumelo Monnahela o tlhalositse fa moletlo oo e le go lemotsha morafe bogolo jang banana botlhokwa jwa ngwao le gore e ka somarelwa jang gore e seka ya nyelela.

O tsweletse a tlhalosetsa batsena moletlo oo ka malwetse a sukiri le madi a matona a a boletseng  fa a sa siamela mebele ya bone.

O kaile fa dijo tsa setso di akaretsa merogo, mmidi le dinawa di siametse botsogo jwa bone ka di sena mafura a mantsi.

Mme Monnahela o boletse fa bontsi jwa banni ba motse oo ba tshwenngwa ke bolwetse jwa madi a matona le sukiri mme a ba kopa go a ithatlhobela kgapetsa kgapetsa le go itshidila mebele.

Fa a amogela baeng mo letsatsing leo, kgosi Rre Isaac Titus o tlhalositse fa letsatsi leo le le botlhokwa ka e le tsela nngwe ya gore masika a itsane botoka.

 Kgosi o kaile fa mo ngwaong ya bone ya sekhalate ba ne ba tlotlile thata go bina mmino wa Polka ka nako tsa manyalo le fa ba itisitse ba itlosa bodutu, a kaya fa mo nakong eno merafe ka go farologana ba meletsa mathe mmino o e bile ba kgatlhegela le gone go o ithuta.

Kgosi o supile gore mo ngwaong ya bone ba tlotlile borotho thata ka ba ne ba lema korong e bile ba rata nama ya podi, ya kgomo le ya nku ka ba di ruile thata le mo nakong ya gompieno.

Mo mafokong a gagwe a malebo, mokhanselara wa motse oo, Rre Fredrick Titus o supile fa e ne e le la ntlha ba tshegetsa letsatsi la ngwao mme a kaya fa ba tla tswelela ba le tshwara ngwaga le ngwaga mo metseng ya BORAVAST e le tsela nngwe ya go tlotlomatsa le go tsosolosa ngwao ya bone gore e seka ya nyelela.

O lebogile fela thata botlhe ba ba nnileng le seabe mo go di reng gore letsatsi leo le atlege.

Bokhutlo. 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Moletlo wa go ipelela ngwao

Date : 22 Oct 2014