Morafe o kopilwe go bopagana
22 Oct 2014
Batho ba kgotla ya Thabeng ba kopilwe go tshwaragana le kgosana ya bone gore dilo di tle di tsamaye ka thelelo mo kgotleng eo.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla ya go itlhophela kgosana kwa Omaweneno bosheng, Rre Piet Villander a re ditlhopho di tshwanetse go bopaganya batho go na le go ba kgaoganya ka ele tshimologo ya tirisano mmogo.
Rre Villander a re botho jo bontle jo batho ba kgotla eo ba neng ba itshwere ka jone bo tswelela ka ele jone jo bo tlhokegang go ba isa kwa go tsotlhe tse dintle. Go itela mafoko kobo moroko Kgosi Samuel Bimbo a re o lebogetse boitshwaro jwa batlhopi go menagane.
O boletse fa ditlhopho tsa bogosana di ne di emetswe ke bontlhopheng ba le batlhano mme go tlhophile batho bale lekgolo le lesome le bobedi.
O boletse gore Rre Lekgetho Matswiri ke ene yo o fetogile mofenyi ka batlhophi bale masome a matlhano le boferabobedi a salwa morago ke Mme Marea Sephiri bale masome a mane, Rre Happy Jabane a mo loma serota ka ba le barataro. Rre Keleneilwe Kara ene o bone batlhophi ba le batlhano fa Rre Ben Selogo ene a tlhophilwe ke bale le babedi fela.
Kgosi Bimbo o tsweletse a supa fa se, se sa reye gore Rre Matswiri e setse ele kgosana ya kgotla eo ka leina la gagwe le tla tshwanela ke go isiwa kwa go mokwaledi wa lephata la dikgaolo go fitlhelela le ya go rurifadiwa ke ba ba maleba.
A re Rre Matswiri o tla nama a ise a simolole tiro go fitlhelela go wediwa dithulaganyo tse di maleba mme morago a tle go begwa fa pele ga setshaba sa gagwe. Fa a latlhela la gagwe mongwe wa bontlhopheng, Mme Marea Sephiri o motlotlo fela thata go bo a kgonne go iteisana le borre mme a solofela fa a tla nna sekai mo go bomme ba bangwe.
Bontlhopeng botlhe ba ne ba supa fa ba amogetse maduo e bile ba leboga batlhophi go menagane mo bothong jo bontle jo ba bo supileng mo tsamaisong ya ditlhopho.
Fa a amogela thomo, Rre Matswiri o lebogile botlhe ba ba neng ba mo eme nokeng le banni ba kgotla ya Thabaneng mme a bolela fa a solofela fa se e le tshimologo ya mosepele o moleele mme o le molemo. A re o eletsa gore ene le morafe wa gagwe ba ka nna le tirisano mmogo e ntle gore tiro ya gagwe e nne bonolo. BOIKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Gabankalafe
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Oct 2014