Baithuti ga ba tsene sekolo sentle
22 Oct 2014
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng, Rre Domi Motlhanka o tlhalositse fa sekole sa gagwe se na le mathata a baithuti ba ba sa tseneng sekole sentle le ntswa batsadi bone ba tlhalosa fa baithuti ba tswa kwa malwapeng ba bolelela batsadi fa ba ya sekoleng mme ba sa goroge teng.
Mo moletlong wa tshimolodiso lenaneo la Adopt a School ke khamphani ya Matcoy Supply and Services le kabo dimpho ya sekole seo, Rre Motlhanka o tlhalositse fa bangwe baithuti ba atle ba ba lome tsebe ka baithuti ba ba sa tleng sekoleng ba go bolelwang fa go na le kwa ba iphitlhang teng.
Mogokgo o tlhalositse gape gore fa baithuti bangwe ba bodiwa ke barutabana mabaka a a dirang gore ba seka ba tsena sekole sentle, ba tlhalosa gore go ne go twe ba ye merakeng.
O kgadile mogopolo wa batsadi bangwe ba ba isang bana merakeng, a bolelela fa ba tsuolola tshwanelo ya bana ya go ithuta.
O kopile baithuti go dira tiro ya sekole e ba e fiwang ke barutabana ka botswapelo le lorato mme a kopa batsadi go tshwaraganela thuto le barutabana ka go nna ba tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana. O rotloeditse baithuti go emisa go tlhoka go tla sekoleng ba sena mabaka a a tiileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Letlhakeng
Event : Moletlo wa tshimolodiso
Date : 22 Oct 2014