Bagodi ga ba akole bogodi
21 Oct 2014
Mogolwane go tswa kwa lephateng la tlhabololo matshelo a selegae, Mme Mosidi Batsalelwang, o tlhalositse fa bagodi ba sa akole bogodi jwa bone ka tshosologo ka ntlha ya dikgwetlho tse ba tshelelang mo go tsone.
Mo phuthegong e e neng e rulaganyeditswe bagodi ba toropo ya Lobatse ka thotloetso ya ba lekgotla la First Care Elderly Home, Mme Batsalelwang a re ba lemogile gore bagodi ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le botsogo jo bo sa itekanelang, lehuma, kgokgontsho le go tlhoka tlhokomelo e e tsepameng, ka jalo a gwetlha setshaba go tlhomamisa gore bagodi ba fiwa tlhokomelo e e maleba e le tsela nngwe ya go lemoga seabe sa bodiredi jwa bone jo bo thusitseng go atolosa ditogamaano tsa lefatshe ka nako e ba neng ba santse ba na le nonofo ka se, se ka ba thusa go akola bogodi jwa bone ka tshosologo.
O tsweletse ka go tlhalosa fa bagodi ba tshwanetse go tlamelwa ka tsotlhe tse di ka ba thusang go akola bogodi jwa bone jaaka go fiwa metsi a a phepa le dijo tse di nang le dikotla. O tlhalositse fa bagodi ba tshabelelwa ke ditlhabi ka jalo ba na le tshwanelo ya go fiwa kalafi, go sirelediwa le go fiwa lorato le tlotlo.
O kopile setshaba gore se seka sa itlhokomolosa kgotsa sa kgokgontsha bagodi ka mothale ope fela gonne bogodi ga se boleo. A re bogodi ke mpho e e tswang kwa Modimong ka jalo ba tshwanetswe go fiwa tlotla e e maleba nako tsotlhe.
Mma Batsalelwang a re, lefatshe la Botswana le ne la bona go le matshwanedi go saenela tumalano ya go itebaganya le matshelo a bagodi ka jalo a gwetlha Motswana mongwe le mongwe go itlama go fetola seemo sa bagodi.
A re puso e na le mananeo a setshaba a a itebagantseng le tlhokomelo ya bagodi jaaka la “tantabala” e a tlhalositseng fa mo nakong eno e thusa bagodi ba le 96 836, bagaka ba ntwa ya lefatshe ya bobedi ba le 153, bahumagadi ba bone ba le 1813 le ngwana a le mongwe yo o dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mabedi le bongwe.
O boletse fa batlhoki le bone ba thusiwa ka dijo le ditlamelo tse dingwe jaaka go ba direla bonno jo bo sireletsegileng go tsholetsa seriti sa bone.
O tlhalositse gore le mororo molao o le teng, ga se o o tlileng go tlhokomela bagodi, setshaba se tshwanetse go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore matshelo a bagodi a a tokafala eseng gore e nne morwalo wa puso e le nosi.
O akgotse ba First Care Elderly Home ba ba supileng fa ba na le mowa wa go tlhokomela bagodi a bo a ba kgothatsa go tswelela ka go diragatsa moono wa letshego la tebelopele ya setshaba la ‘setshaba se se kutlwelobotlhoko, se se siameng, se se tlhokomelang batho botlhe’.
Fa a tlhalosa maikaelelo a mokgatlho wa bone, Mme Agnes Lesole o boletse fa ba ikemiseditse go thusa go tlhokomela bagodi mo dikgaolong tsa Botswana morago ga go lemoga fa bangwe ba tsewa ka lebogo la molema ke ba ba tshelang le bone.
A re ba ikaelela go aga lefelo le bagodi ba tla a nnang ba le etela go ya go itlosa bodutu le balekane ba bone mme ba sa tlogela malwapa a bone.
O gwetlhile banana go tlotla batsadi ba bone ka gonne a re mangwe a matlhoko a bone a bakiwa ke go tlhoka tsebe ga banana ka jalo a ba rotloetsa go ikobela batsadi gore ba tle ba bone masego le matlhogonolo mo matshelong a bone ka jaana bogodi ele tsela ya mongwe le mongwe.
E rile a amogela baeng, Kgosi Donald Rammala a tlhalosa fa bagodi ba tshwanetse go tlhokomelwa ka maatlametlo ka a re ke matlotlo a dikitso tsa botshelo. Bagodi ba ne ba ne ba tlhatlhobelwa malwetse a tshwana le madi a matona, bolwetse jwa sukiri, gammogo le matlho le meno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Lobatse
Event : Phuthego
Date : 21 Oct 2014