Breaking News

Kgosiemang o latlhegetswe ke kgang ya lefatshe

21 Oct 2014

Rre Clement Kgosiemang, yo o ntseng a gogagogana le banni ba kgaolwana ya ga Ratlhomelang kwa Molepolole ka setsha sa mabitla a kgaolwana eo, o latlhegetswe ke kgang gape morago ga gore lekgotla la kabo ditsha la Kweneng le mo laele go suta mo lefelong leo gore VDC e kgone go se dirisetsa ditiro tsa morafe.

Mo boemong jwa lekgotla la kabo ditsha, modula setilo Rre Moemedi Babitseng a re tshekatsheko ya bone ga e a bona gope fa go supang fa Rre Kgosiemang a amanang teng le lefatshe la mabitla a kgotla ya ga Ratlhomelang a a ntseng a a tlhalosa fa ele a gagwe.

Lekgotla le laetse Rre Kgosiemang go sutela khansele mo mabitleng ka go thatholola terata e a ageletseng ka yone mo sebakeng sa kgwedi a dirisa ditshenyegelo tsa gagwe, gore morafe o tle o simolole go dirisa lefatshe leo go boloka baswi ka e bile mabitla a Masu-a-Ditshwene a ka nna a tswalwa ka a setse a tletse.

E ne e rile go le pele, mmueledi wa khansele, Rre Yamikani Patson a supa fa se Rre Kgosiemang a neng a leka go se dira ene ele go bopa kgomo ya mmopa ka gone go sena bosupi bope jo bo mo amanyang ka gope le setsha sa mabitla a morafe o beilweng mo go sone le gone go tlhalosa fa basupi ba a reng o rekile lefatshe mo go bone ba latotse fa go ise go ke gonne le masimo ape mo lefelong le a reng o rekile lefatshe mo go lone.

Le fa gontse jalo, mo bosuping jo bo neng jwa rolelwa lekgotla la kabo ditsha ke basupi ba neng ba biditswe ke khansele ba akaretsa  Rre Lesang Setimela yo eleng raditogamaano tsa lefatshe mo khanseleng ya Mokwena, ba dumela fa Rre Kgosiemang a iphetlhela komiti ya ditlhabololo ya kgaolwana eo ka go supa fa lefatshe leo le ise le ke le abelwe tiriso epe ntle le mabitla ka 1983.

Mmueledi Patson o kopile gore Rre Kgosiemang a amogwe lefatshe lotlhe la kgaolo ya ga Ratlhomelang le go supegang le tsene mo diatleng tsa gagwe ka tsietso le go wetsa ka go thuba ntlo ya gagwe ya bonno e e kwa ntle ga masimo a mabedi a a reng o a rekile mo go Rre Kgopolo Thipe le Kakanyo Monnaemang ka jaana ele maipaafela.

Le fa gontse jalo, Rre Kgosiemang le ene one a sa bonye ka go supa fa lefatshe leo ele la gagwe a le rekile mo go Rre Thipe yo a sa tlholeng a le botshelong, a re gore mosadi wa gagwe abo a sa itse ka tshimo e bile a sa rerisiwa ka thekiso ya lone go ka se mo rontshe tshwanelo ya lefatshe le eleng la gagwe.

Rre Kgosiemang a re o ngongoregile lantlha ka setsha seo ka 2010 mo a neng a ikuela kwa kgotleng ya ga mmakaseterata gore komiti ya kgaolwana ya ga Ratlhomelang e mo tswele ka kgoro, ka taelo e e neng ya ntshiwa ke Mmakaseterata William Modise gore ba VDC ba emise ditlhabololo dipe mo lefelong leo pele kgang e ka rarabololwa.

Mmueledi wa ga Rre Kgosiemang, Rre Bugalo Maripe, o supile fa lekgotla le tla a bo le ikgatholosa nnete fa le ka seke la ela tlhoko ntlha ya botlhokwa ya gore khansele e iphetlhela Rre Kgosiemang ka jaana ngongorego ya bone e ganetsana le se se mo mokwalong ka lefelo le tota setsha sa mabitla a VDC se beilweng teng. E re ntswa tshwetso e raya gore morafe o ka tswelela le tiriso ya mabitla, seo se ka nna sa seka sa nna motlhofo fa moiphemedi a ka supa maikaelelo a go ikuela kgatlhanong le tshwetso ya lekgotla.

E re ntswa Rre Patson a sa ganetsa gore boikuelo bo ka ba bofelela matsogo ka fa morago, o supile fa ba tla a bo ba ka dira kopo ya gore kgang e tsibogelwe go lebilwe gore tiriso ya mabitla e a tlhokega. 

E ne e rile gole pele, Rre Kgosiemang a latlhegelwa ke kgang e mo go yone a neng a isitse batho bangwe ba kgotla ya ga Ratlhomelang ba le 22 fa pele ga ga mmakaseterata wa Molepolole Rre Bhekimpilo Sibanda ka magatwe a gore ba ne ba mo tshosetsa le go mo tlhapatsa gongwe le gongwe fa ba mmonang teng, ka gone gotwe ga a na bosupi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Tsheko ya setsha

Date : 21 Oct 2014