Ditiro tsa boithaopo di ka fa banana botsipa
21 Oct 2014
Banana ba metse ya Takatokwane le Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go ikgolaganya le lekgotla la boithaopo la Springboard Humanism kwa Molepolole go ya go tsaya botsipa ka methale ya itshetso le gone go ithuta ditiro tsa diatla gore ba itshimololele dikgwebo ba tle ba kgone go fetola matshelo a bone.
Fa a bua mo bokopanong le banana kwa dikgotleng tsa metse eo bosheng, modulasetilo wa lekgotla leo, Dr Kelone Khudu-Peterson o supile fa lekgotla la bone le itlamile go ruta banana segolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo gammogo le metse selegae ka dithuto tsa ditiro tsa diatla di akaretsa go roka le go ba tlhatlhelela ka fa kgwebo e tsamaisiwang ka teng le maele a go ipatlela mmaraka.
Dr Khudu-Peterson yo e bileng e le motlhatlhelela dithuto kwa unibesithing ya Botswana a re ba thusa banana gape ba ba sa dirang sentle mo mophatong wa boraro mme ba eletsa go baakanya maduo a bone ka go ba suga sebaka sa ngwaga ka keletso ya gore ba iponele diphatlha kwa dikoleng tse dikgolwane.
A re banana ba na le go akanya gore ditoro tsa bone di phirimile tsa go ipona ba ile dikoleng tsa ithutelo ditiro morago ga go sa direng sentle kwa mophatong wa botlhano le boraro mme a supa fa ba itlamile go netefatsa gore ba a ba thusa gore ba felele ba atlegile mo botshelong.
Dr Khudu-Peterson a re ba bone go tshwanela go simolodisa lekgotla le ka 2011 le monna wa gagwe Rre Jes Peterson, morago ga go lemoga fa banana ba metse e e kgakala le ditlamelo ba amilwe thata ke mathata a akaretsa go sa direng sentle mo dithutong tsa bone, lehuma, go tlhoka thotloetso go tswa mo botsading le letlhoko la ditiro le le kwa godimo.
A re go tlhoka go dira sentle mo dithutong ga bana ba sale babotlana go felela go dira gore ba ikamanye le ditiro tse di ba senyetsang bokamoso di tshwana le go ima, go itsenya mo diphatsheng tsa go tsenwa ke mogare wa HIV le go itontela nnotagi mme a kaya fa ba itlamile go tsisa pharologanyo mo baneng bao.
A re mo nakong eno ba setse ba kgonne go thusa banana ba metse ya Khekhenye, Dutlwe le Tshwaane kwa Kweneng Bophirima ka bangwe ba kgonne go ipulela dikgwebo mme bangwe ba ne ba felela ba dirile sentle thata mo mophatong wa boraro jalo ba iponela diphatlha kwa dikoleng tsa ithutelo tiro ya diatla.
O gakolotse banana bao go dirisa sebaka se gore ba itshimololele dikgwebo, a kaya fa gape ba ruta bana ba basetsanyana maitsholo a a eletsegang le gone go tswa ka maano a a ka fedisang dikgwetlho tse ba kopanang le tsone gore e nne bomme ba ba nang le boikarabelo le seriti mo setshabeng.
Dr Khudu-Peterson o kopile batsadi go tshwaragana le bone ka go rotloetsa bana go tlhaloganya fa thuto e le boswa le gone go ba lemotsha ka botlhokwa jwa go ipelega gore ba itirele ka diatla go itshedisa.
O supile gape fa seabe sa dikgosi le dikomiti tsa VDC di le botlhokwa thata mo go tshwaraganeng le bone gore ba fitlhelela maitlamo a bone.
Fa a tswa la gagwe, monana mongwe wa motse wa Takatokwane, Mme Boitumelo Kgotlayagae o supile fa ba lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya ditiro e bile bontsi bo inaakantse ka nakwana le Ipelegeng ka jalo a gwetlha banana ba bangwe go tsaya tsia lenaneo le tshwana le le ka jaana le ka fetola matshelo a bone.
Mme Kgotlayagae o supile fa a tladitse fomo ya ikopelo diphatlha kwa sekoleng seo gore a ye go sugiwa go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro, tse a neng a sa dira sentle mo go tsone ka a eleditse go ipona a fitlheletse kwa sekoleng sa ithutelo ditiro gore a kgone go itshedisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Bokopano jwa banana
Date : 21 Oct 2014