Breaking News

Mogokgo o rotloetsa baithuti go ipapana

21 Oct 2014

Batswana ba tshwanetse go nna le kitso e e tletseng mo dilong tse di farologaneng ka go ka thusa go tlhabolola lefatshe.

Mo moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Ramokgonami bosheng, mookamela ofisi ya motlobo wa dibuka kwa Ramokgonami, Mme Chikana Seanego a re se se ka kgonagala fela fa batsadi, barutabana gammogo le baithuti ba tshwaragane.

O supile gore maduo a bana mo dikoleng ka bontsi a wela tlase mo go sa jeseng monate mme ga gona ope yo o tshwanetseng go supa yo mongwe ka monwana. A re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsenya letsogo mo thutong ya bana gore lefatshe le kgone go nna le baeteledipele ba tlhwatlhwa.

Mme Seanego o tsweletse a re barutabana ba dira go le gontsi mme fa gongwe maiteko a bone ga a ntshe maduo a a nametsang ka a tlhaela kemo nokeng ya batsadi, jalo o kopile batsadi ba ba tsentseng letsogo go utlwala mo thutong ya bana ba bone go rotloetsa ba ba saletseng morago.

A re gape gore ngwana a dire sentle mo dithutong tsa gagwe, o tshwanetse gore a bo a tlhokomelesega kwa lwapeng. Mme Seanego o supile fa a sa itumediswe ke mafoko a batsadi ba kgonang go a raya bana ka a na le seabe mo go goleng ga bana.

O tsweletse ka go rotloetsa bana go tlhopha ditsala tse di gogelang mo tseleng ya tshiamo fa ba ba sa dirang sentle mo dithutong bone ba kgothaditswe go itsalanya le ba ba botlhale gore ba tle ba ba fe lesedi.

Mme Seanego o tsweletse a rotloetsa baithuti botlhe ba ba kgonneng go amogela dimpho gore ba tswelele ka go tsaya tiro ya sekole ka tlhoafalo ka e le yone bokamoso ja bone.

O kgothaditse ba ba sa bonang dimpho gore ba seka ba kgobega marapo mme ba tiise thata mo dithutong tsa bone.

Mme Seanego a re Modimo ke ene tsela le boammaaruri jalo fa motho a ka itsalanya le ene o tla a mo araba.

E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Ezekiel Tshetlhana a supa fa sekole se se saletse morago ka go ise go nne le ope yo o ikgolagantseng le sone ka fa tlase ga lenaneo la Adopt-a-school.

O kopile ba ba nang le bokgoni go ikgolaganya le bone go leka go tokafatsa seemo se se isang maduo a baithuti kwa tlase.

Bokhutlo.

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MAHALAPYE

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 21 Oct 2014