Breaking News

Komiti e lela ka go sa duelwa ga matlo

20 Oct 2014

Go tlhoka go duela sentle ga batho bangwe ba ba hirisitseng matlo a VDC kwa Mokobeng mo kgaolong ya Legare ke kgwetlho e tona e e  diyang ditlhabololo tse di ka bong di dirwa mo motseng oo.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Mothusi Maribe a re mo nakong eno, bontsi ja matlo a VDC ga a na motlakase e bile a mo seemong se se sa kgatlhiseng, selo se a reng se baka gore babereki ka bontsi segolo jang badirela puso ba seka ba a kgatlhegela le ntswa ba sena boroko.

Rre Maribe o boletse gore palo ya matlo a VDC a a teng le yone e kwa tlase thata segolo jang a lebile ka fa motse wa Mokobeng o golang ka teng.

O kaile gore tlhaelo ya bodiredi e kwa godimo thata mo maphateng a puso kwa motseng oo mme mathata ke gore ga go na fa ba tla  a bayang tlhogo teng ka gore ba tshwanetse go nna fa go siamemg gore ba kgone go ntsha maduo mo tirong.

Rre Maribe a re fa matlo a a teng a ka bo a duelwa sentle, ba ne ba ka kgona go a tlhabolola le gone go aga a mangwe.

A re ba ngongoregisiwa ke tshwaragano e e bokoa fagare ga VDC le boeteledipele ba motse ka gonne VDC ga e kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba ka e tlhaela bagakolodi ba akaretsa kgosi, mokhanselara ga mmogo le Village Extension Team.

O tsweletse a re fa go ne go na le tshwaragano e e tsepameng fa gare ga bodiredi joo, sengwe le sengwe se ka bo se tsamaya ka thelelo. Rre Maribe a re mme seemo se go lebega se tswa kgakala ka gore go lebega mo dingwageng tse di fetileng VDC e ne e dira e le nosi mme dilo tse dintsi  di felele di sa dirwa sentle.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : Mokobeng

Event : Potsolotso

Date : 20 Oct 2014