Breaking News

Kgosi o akgola mothusa tona

20 Oct 2014

Kgosi ya Xhosa 1 kwa Mahalapye, Rre Ponoyame Kefilwe, o lebogile mothusa tona wa temo-thuo Rre Oreeditse Molebatsi go dira tiro ya gagwe ka bokgabane nako tsotlhe.

Fa a amogela baeng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Rre Molebatsi ka mafelo a beke, Kgosi Kefilwe a re Rre Molebatsi o dira tiro ya gagwe ya go rerisa le go ruta Batswana ka dikgang tsa temo thuo ka botlhaga mme e bile a sa fele pelo.

O akgoletse mothusa tona seabe sa gagwe jalo a mo kgothatsa go tswelela go dira ka bokgabane le kwa a yang teng.

Rre Molebatsi o boleletse morafe wa Xhosa ka mananeo a temo thuo a go fiwa peo, go lemelwa ka ditselana, go fiwa menontshane le chefi e e bolayang mhero gore balemi ba seka ba tlhagola mme ka jalo a kopa Batswana go tlhoafalela temo.

O tlhalositse fa temo e le mokwatla wa itsholelo ya lefatshe leno ka jalo a kopa banni go e tsaya tsia. O kopile balemi gore ba seka ba nna moriti o tsididi fela fa ba lemelwa mme ba netefatse gore ba lemelwa sentle gore ba tle ba nne le thobo e e nametsang.

A re gangwe le gape ba leseletsa boraditerekere go ya go lema ba setse mo legaeng, mme a re seo ga se supe fa motho a tlhoafetse ka temo.

A re go netefatsa gore tiro e tsamaya sentle kwa masimong, mong a masimo o tshwanetse a sale terekere ya polantere morago go bona tota gore a e a jwala, eseng jalo motho o tla lelela kgama le mogogoro.

A re dipolantere dingwe di hupa bokgola jalo ga di ntshe peo mme fa peo e sa tswe motho o ya go tswa fela a iphotlhere. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Molebatsi o kopile gore bakgweetsi ba diterekere ba ikopanye le lephata gore ba rutwe  go lema mahala, a tlhalosa fa go itse go kgweetsa terekere e se go itse go jwala.

O kopile bakgweetsi ba diterekere ba ba senang ditlankana gore le bone ba ikopanye le ba lephata gore ba tle ba fiwe teseletso ya go kgweetsa diterekere mme e bile a rotloetsa le ba ba setseng ba tlogetse tiro ka bogodi.

Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi o kopile bakenti ba ba tlogetseng tiro ka bogodi mme ba nale keletso ya go dira gore ba ikopanye le lephata go ka thusa mme ba tla a bo ba atswiwa ke lephata go thusa mo tirong ya bokenti. Rre Molebatsi o bile a tsibosa morafe ka bolwetse jwa EBOLA a tlhalosa fa bo le borai e bile bo gomagometsa kwelo tlase ya itsholelo ya lefatshe leno.

O kopile Batswana ka kakaretso gore ba nne podimatseba mme ba iketlele go tsamaela kwa mafatsheng a amilweng ke bolwetse joo. A re Batswana bangwe fa go buiwa le bone ba ikgatholosa tlhagiso mme fa bo ka nna teng mo lefatsheng leno e ka nna mathata a matona.

Phuthego e ne e tseneletswe ke mothusa tona Mme Botlogile Tshireletso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Chikumbudzi

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Oct 2014