Breaking News

Banana ba Dzoroga ba tsaya mananeo ka mmetela

19 Oct 2014

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Dzoroga mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Keiphang Sechele a re go a itumedisa go bona banni ba motse, bogolo jang banana ba ba sa berekeng ba nyoretswe go ithusa ka mananeo a puso.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Sechele a re banana mo motseng oo ba tsweletse ka go ikwadisetsa mananeo a maikaelelo a one e leng go rotloetsa Batswana go itirela le gone go tokafatsa matshelo a bone. 

O supile fa bangwe ba ikopetse madi a banana go simolola dikgwebo mme bangwe ba ikopetse dithuso tsa thuo ya dihutshane fa bangwe ba ikopetse go thusiwa ka didirisiwa tsa go roka.

Rre Sechele a re tshwetso e banana ba e tsayang mabapi le go ikopela dithuso tse e tlaa ba thusa go fokotsa dikgwetlho di  tshwana le ya letlhoko la tiro le bontsi jwa bone bo iphitlhelang bo lebanwe ke jone. 

Modulasetilo o bile a supa fa bangwe bagolo ba le bone ba amilweng ke lehuma ba sa ipone tsapa go ikopela dithuso di akaretsa ditshingwana tsa merogo le go apaya borotho.

 A re bothakga jo banni ba motse ba bo supang mabapi le mananeo a bo supa kgatelopele, a supa fa ditiro tse e le mengwe metswedi e e ka rotloetsang dikgwebo mo motseng. 

Rre Sechele o bile a tlhalosa fa bontsi jwa baikopedi ba setse ba tseneletse dithuto tsa go tlhokomela mananeo mme go setse fela gore ba a fiwe.

A re le fa nako tse dingwe mananeo a tsaya lobaka go goroga, se se botlhokwa ke gore ba letile ka tsholofelo. 

Rre Sechele a re go botlhokwa gore ba ba setseng ba bone dithuso ba di somarela. 

A re go a ama go bona bangwe ba ba thusitsweng ba sa tseye dithuso tse ka tlhoafalo gape go se na sepe se se duleng diatla se ba ka se supang e le maduo a dithuso tse ba di filweng.

Rre Sechele o boletse fa puso e tshwenyegile ka seemo sa lehuma e bile e na le maikaelelo a go dira ka gotlhe go thusa ba ba amegileng, ka jalo a re go botlhokwa gore ba ba tlhokileng lesego ba etele diofisi tse di maleba go tlhaloganya botlhokwa jwa mananeo le gone go ikopela dithuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 19 Oct 2014