Ba kopilwe go ela matlapa tlhoko
19 Oct 2014
Baithuti ba sekole se segolwane sa Tsabong ba gakolotswe go ela tlhoko le go itsese ba ba lebaneng ka matlapa a ba ka a fitlhelang mo makhubung le dipane tse di mo kgaolong ya Kgalagadi di le mosola thata mo ditsong ga mmogo le mo go tokafatseng dithuto tsa bone tsa ditso le maranyane.
Fa a tlhalosa ka botlhokwa jwa ditso tse di neng di dirisiwa ke batho ba bogologolo tse di mo kgaolong ya bone, mogolwane go tswa kwa ofising ya motlobo wa ditso, Rre Phillip Segadika o supile fa maikaelelo magolo a lekoko la gagwe e le go senola le go sedimosetsa setshaba ka matlapa a a neng a dirisiwa mo ngwageng tse di dikete tse pedi tse di fetileng mo kgaolong eo.
Rre Segadika o supa fa bagolo ba lefatshe leno ba ne ba kgona go emelelana le dikgwetlho tsa botshelo jwa nako eo ba dirisa matlapa mme botshelo bo tswelele pele fela sentle.
A re matlapa a ne a dirisiwa ditiro tse di botlhokwa jaaka go bua diphologolo le go suga matlalo .
O supile fa mo dingwageng tseo go ne go se na yo o nang le boitseanape jwa go nyerolosa tshipi go dira didirisiwa tsa segompieno di tshwana le dithipa, dishaga, dilepe le dikere.
A re Botswana ke lengwe la mafatshe a go fitlhelwang ditso tse di farologaneng tse di kgatlhisang thata jaaka tsa kwa Tsodilo, Palapye Hill le Toutswemagala kwa Maunatlala.
O supegeditse bana matlapa mangwe a a boletseng fa ba sekaseka dingwe tsa ditso tsa tlholego ya one kwa Maleshe. O tlhalosa fa bagolo ba ne ba na le boitseanape jwa go betla matlapa a a neng a dirisiwa go dira ditiro tse di farologaneng mo nakong eo.
Rre Segadika o kaile gore gongwe fa ba ka epa ba ka kgona go fitlhela madi a bogologolo, dinaka le marapo a diphologolo mme ba a tlhatlhoba morago ba a ise kwa motlobong wa ditso go a somarela.
O supa fa maikaelelo a bone e le go tsamaya ba ipega pele mo bogosing mo dikgaolong tse di farologaneng go ba tlhalosetsa ka maitlamo, moono le maikaelelo a bone.
Maitseanape mo go tsa boranyane, Rre Sewelo Fani o tlhalositse fa morago ga tshekatsheko ya ditso tseo ba tlhomamisa gore dilo tse ba di kgobokantseng di babalesegile ka go di baya mo motlobong wa ditso gore di seka tsa senyega ka di ka kgona go oka bajanala .
Mogokgo Segametsi Matlho o galaleditse dithuto tsa lekoko leo ka a re di tlaa thusa baithuti go tokafatsa dithuto tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya sekolo
Date : 19 Oct 2014