Breaking News

Seemo se ritibetse kwa Shoshong

19 Oct 2014

Kgang ya bogosi jwa Shoshong e e ntseng e tlhokisa banni boroko e bile e ba kgaogantse, jaanong e rarabolotswe.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele a bolela fa a lemogile fa go ne go se na morero o o nitameng fa gare ga magosi a Shoshong le Serowe e bile go sa salwa tsamaiso morago.

Ka jalo o ne a kopa banni ba Shoshong go kopanela kgang eo le motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane kwa Serowe.

A re le fa batho ba Shoshong, segolo jang ba dikgotla tsa Bokaa le Phaleng ba ne ba setse ba isitse dingongorego tsa bone kwa ofising ya gagwe le kwa go ya ga Tautona, o ne a tsaya tshwetso ya gore kgang eo e buisanngwe pele ke magosi a Shoshong ka e le bone ba itseng thata ka ditso tsa bogosi jwa motse le go tlhatlologana ga bone ka letsalo la bogosi.

Rre Siele o kopile ba ba neng ba gogomogile maikutlo go tsaya kgang eo ka matsetseleko, mo godimo ga moo a ba gakolola gore ba seka ba e kopakopanya le sepolotiki ka se ka ba kgaoganya sa ba sa emisa ditlhabololo. 

A re mo ditsong le mokgwa wa Setswana morafe kgotsa ba lolwapa lwa bogosi ga ba a tshwanela go tseela kgosi dikgato mo pepeneneng ka go dira jalo go ka diga seriti sa motse.

A re e le tona yo o neetsweng boikarabelo jwa go tsamaisa ditiro tsa makgotla a Setswana, o dumalana ka bongwe fela jwa pelo le ditshwetso ga mmogo le dikakanyo tse di dirisitsweng ke Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Bokaa le Augustine Monamodi wa Phaleng ka go neela Kgosi Felix Kgamane bogosi jwa Shoshong fa bone ba dumelane go tswelela ba busa dikgotla tsa bone. 

Kgosi Mosinyi le Monamodi ba boleletse banni ba ba neng ba tshologetse phuthego eo gore ba tsere tshwetso eo ka go lemoga fa morafe wa Shoshong o kgaogana ka e bile go na le kgotlhakgotlhano fa gare ga bone le puso ka jaana ba ne ba setse ba sa tsene diphuthego tse di buisiwang ke matona a puso mo ba reng go ne go ka ama ditlhabololo tsa motse.

Ba re le fa go na le diphosonyana fale le fale e bile ba simolotse ba dumalana le morafe ka dikgang dingwe tse di amanang le bogosi, ba kopa gore morafe o ba ineele diatla metsing ka se ba se dumalaneng e le baeteledipele ba motse.

E rile Kgosi Mokhutshwane Sekgoma a tswa la gagwe mo boemong jwa ga Kgosi Sediegeng Kgamane, a bolela fa a amogela ditshwetso tse di tserweng ke magosi a Shoshong, a bolela fa di supa popagano le tirisano mmogo.

Le fa bontsi jwa banni ba ba neng ba akgela mo phuthegong eo ba dumalana le dikgato tse di tserweng ke magosi, banni bangwe ba akaretsa Rre Samuel Mphoyakgosi, Goyamang Ramahosi, Babusi Mokotong le Leswena Teo ba tlhaloseditse tona fa ba sa dumelane le ditshwetso tse di tserweng ga mmogo le pego ya gagwe ka sebele.

Ba boletse fa bogosi jwa Shoshong bo tswa goo-Lowe bo ntse bo tsamaisiwa ka go fapaanelwa ke dikgosi tsa dikgotla tsa Bokaa, Phaleng le Kgamane e bile ba re Kgosi Setlogilwe Kgamane o laetse gore bogosi jwa motse oo bo fapaanelwe, jalo ba tlhalosa fa se se dirwang mo nakong eno e le go itlhokomolosa mafoko a moswi.

Rre Siele o ne a patilwe ke mookamedi wa lephata la tsamaiso ya makgotla a Setswana, Kgosi Tumelo Seboko, molaodi wa kgaolo ya Legare, Mme Thobo Mapitse, seatla sa motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Mokhutshwane Sekgoma le Kgosi Masego Olebile wa Palapye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Oct 2014