Breaking News

Batsadi ba Takatokwane ba emetse thuto ka dinao

15 Oct 2014

Batsadi bangwe ba tlhaga mo go tshwaraganeleng tiro ya bana ba bone le barutabana ka go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana le gone go lekola dithuto tsa bana.

Mo maitekong a go thusana le barutabana mo go ageng setshaba se se rutegileng, batsadi bangwe ba baithuti ba sekole se sebotlana kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, ba akgoletswe go bo ba gatetse pele mo go tshwaraganeleng tema ya go ntsha maduo a bana a nametsang le barutabana gore e re ka ngwaga wa 2016 setshaba se bo se rutegile.

Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle wa baithuti ba lokwalo la bosupa bosheng, mogokgo wa sekole seo, Rre Kgaogano Pagiwa, a re tshwaragano le tirisano mmogo magareng ga bone le batsadi ke e e itumedisang segolo jang batsadi ba baithuti ba ba neng ba sa tswa go fetsa lokwalo lwa bosupa.

A re le ntswa go sa ntse go na le bangwe ba ba palo potlana ba ba sa ntseng ba akanya fa thuto ya bana e le mo diatleng tsa barutabana ka go itlhokomolosa go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana, mme gone bontsi bo iketeile ka thupana go rotloetsa bana le gone go ba ruta boitsholo jo bo eletsegang mo setshabeng.

Rre Pagiwa o tlhalositse fa se se ba itumedisitseng le go feta ka bana ba lokwalo lwa bosupa e le go bo ba ne ba tsena sekole sentle, mme a supa fa seo se kgonagatse ka mabaka a gore batsadi ba lemotsha bana ka bomosola jwa thuto, mme a kaya fa kemonokeng eo e thusa fela thata.

A re baithuti kwa sekoleng seo e sa ntse e le bana fela ba ba kgalemelesegang ka ba sa tsenye barutabana dingalo le gone go ba tlhokela botho, a bua jalo a ntse a iteela batsadi legofi go bo ba ruta bana maitsholo a a eletsegang gore e tle e nne baeteledipele ba lefatshe leno ba ba popota.

O ne gape a tlhalosetsa batsadi gore baithuti ba ba sa tswang go fetsa lokwalo lwa bosupa ba tla seke ba fetele kwa sekoleng se segolwane fa ba tsere maemo a D, mme ka jalo ba tla fiwa sebaka go boelela lokwalo leo gape go netefatsa gore ba dira sentle.

Mo go tse dingwe, Rre Pagiwa o supile fa ba sa ntse ba lebanwe ke kgwetlho ya puo, a supa fa bana koo ba dirisa thata puo ya Sekgalagadi thata mme e re morago ba thatafalelwe ke go dirisa ya Setswana le Sekgoa, mme a ikuela thata mo batsading go ruta bana dipuo tseo fa ba le kwa malwapeng.

Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo, Mme Peolane Modisaotsile, o gwetlhile batsadi go tswelela ka go thusana le barutabana, a tlhalosa fa mabogo dinku a thebana.

A re go tshwaraganela thuto ya bana ke bana-le seabe botlhe go botlhokwa thata ka go tsisa maduo a a nametsang mo dikoleng, mme a kopa baithuti le bone go ikanya thuto le go dira ka natla go ipetlela botshelo jo ba ka sekeng ba bo amogwe ke ope.

A re go botlhokwa thata gore batsadi ka kakaretso ba rute bana boitsholo jo bo amolesegang ba sale babotlana ka gore go ka thusa gore ba kgone ba itse molemo le bosula, mme go tle go nne motlhofo gore ba ka hema dikgwetlho tse ba ka iphitlhelang ba le mo go tsone fa ba gola. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelley Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Moletlo wa tsamaya sentle

Date : 15 Oct 2014