Breaking News

Banni ba tsosa matlo a setso

15 Oct 2014

Bontsi jwa banni ba metse e e mo kgaolong ya Bokone Botlhababa tsweletse ka go tshegetsa ngwao ya bone ya go aga matlo a setso a bojang, morago ga dipula tsa ngwaga o o fetilengi.

Ba supile fa ba lebogela dipula tse di matsorotsoro tse di dikileng di nele mo kgaolong ya bone go godisa bojang, jo bontsi jwa bone ba bo kgetlileng ka dipalo tse di kwa godimo go rulela le go tsosolosa matlo a bone a setso.

Mongwe wa banni ba Toteng, Rre Amen Ipateng o ne a supa fa matlo a setso a siame thata ka e bile a itse go laola mogote le botsididi. A re fa a tshwantshanya le a segompieno a e leng one mmangmmang, matlo a setso a supagetse a siame e bile go le botlhokwa gore a tswelele a agiwa.

Rre Ipateng a re o itumedisiwa ke go bo morafe wa Bakalaka o sa ntse o tshegeditse ngwao ya bone ya go aga matlo a setso ka jaana go se lelwapa lepe le o ka fitlhelang le sena ntlo kgotsa matlo a setso mo go lone.

O supile fa kago ya matlo a setso e se kitla e nyelela ka a agiwa ka dipalo tse di kwa godimo mo kgaolong e. A re matlo a setso a supa motlhala wa Batswana gore ba tswa kae ka a ne a dirisiwa ke batsadi ba bone mo dinakong tsa maloba.

O tsweletse ka gore bojang jo, ba bo kgetla thata morago ga paka ya mariga bo sena go foforega peo, ka molao o sa ba letle go bo kgetla pele bo diga peo, gape a kaya fa morago ga mariga bo a bo bo omile e bile bo tiile go ka dirisiwa.

Rre Ipateng o tsweletse ka gore Batswana ga ba tshwanelwa ke go tlhajwa ke ditlhong go nna le ntlo ya setso mo lapeng, a re se ga se letshwao la khumanego jaaka batho bangwe ba akanya.

E rile a tswa la gagwe Mme Paseka James, o tlhalositse gore e re le ntswa merafe mengwe e sa tlhole e tlotla kago ya matlo a setso morago ga go aga a segompieno, bone ba tla tswelela ba a aga ka ba lemoga botlhokwa jwa go tshegetsa ngwao ya bone.

A re o tsweletse ka go tsosolosa a gagwe a a neng a digilwe ke dipula tsa paka e e fetileng. A re ka ene a sa kgona go kgetla bojang o bo reka mo go ba bangwe, a tlhalosa fa mo nakong eno ngata e le nngwe e lopa P25 mo barekising ba bojang.

Mme James a re maikaelelo a gagwe ke go reka bojang jo bontsi gore e re jo a ruletseng ka jone bo onala a bo a ka kgona go dirisa jo bo setseng go shafatsa matlo matlo a gagwe.

Mme James o boletse gape fa matlo a setso a itse gape go somarela thobo fa a tshwantshanngwa le a segompieno. Mme Bakadzi Mbaiwa ene o tlhalositse fa ba sa batle ngwao ya Setswana e ka nyelela ka ba ikaelela gore dikokomane tsa bone di fitlhele sengwenyana se ba ka se ba kaetsang go supa ngwao.

A re e re ka dipula di ne di le boutsana dingwaga tse di fetileng, matlo a ne a sa agiwe ka bokete jo a bo bonang gompieno ka go ne go sena sone se ba rulelang ka sone.

A re monongwaga Modimo o arabile selelo sa bone mme a supa fa ba tla kgetla bojang bo le bontsi go beela nako tsa komelelo gore ba tle ba kgone go tsosolosa matlo le go aga a masha.

O boletse fa ene a kgetlile bojang jo bontsi gore e re a wetsa go aga matlo a gagwe a bo a ka kgona go rekisetsa ba ba bo tlhokang gore a kgone go tsenya ledinyana mo lapeng.

Mme Mbaiwa o rotloeditse Batswana ba ba saletseng kwa morago bogolo go nna le sengwenyana jaaka yone ntlo ya setso go kaya ngwao ya bone e le Batswana segolo jang go supegetsa le bajanala ba ba etelang lefatshe leno.  Ends

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : TOTENG

Event : Puisanyo

Date : 15 Oct 2014