Mokoduwe o itsetsepetse
15 Oct 2014
Lefelo la itloso bodutu le le saleng le bulwa ka 2009 kwa Serinane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng le dira sentle.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi ya Serinane, Rre Malang Galeate a tlhalosa fa lefelo la itloso bodutu le le bidiwang Mokoduwe Recreational Centre le le botlhokwa thata ka le fapha banana ba ba sa berekeng mo ditirong tse di maswe.
Kgosi Galeate o tsweletse a kaya fa bangwe ba banana ba ba sa bonang lesego la go bona mebereko ba tlhola ba itlosa bodutu kwa lefelong leo. A re lefelo leo le siame thata ka ebile go sa dirisiwe madi go tsena mo go lone.
Kgosi Galeate o tlhalositse fa bontsi jwa banana ba dirisa lefelo leo thata mme matshwenyego a gagwe e le didirisiwa tsa metshameko mengwe mo lefelong leo. A re metshameko e tshwana le ya table tennis e eme ntateng ya didirisiwa jaaka dibolo, motshameko wa Pool letsela la tafole ya teng le le makgasa ebile go dirisiwa legong la lefeelo go raga dibolo tsa motshameko oo.
O buile gape a ntsha matshwenyego a gore bagolo ga ba dirise lefelo leo mme a tlhalosa fa e se la banana fela. O boletse fa mongwe le mongwe a letlelelwa go dirisa lefelo la itloso bodutu fa go sena se ba se dirang.
O kaile fa gape lefelo le le sidila motho tlhaloganyo fa a na le mathata ka fa a tsena mo lefelong leo a tlaa lebala mathata ao.
Kgosi o boletse fa gape lefelo leo le thusa go fokotsa go nyelela ga metshameko mengwe ya setswana, mme a tlhalosa fa a sa itumelele go bo banana ba ba dirisang lefelo leo ba itebagantse le metshameko ya sesha mme le ntswa go na le metshameko ya setswana mo lefelong leo.
Kgosi are le ntswa a banana ba dirisa lefelo leo,o ba kgotlatsa go tsaya mananeo a puso go itlhamela dikgwebo.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : LETLHAKENG
Event : Puisanyo
Date : 15 Oct 2014