Boimana bo a ilelwa
15 Oct 2014
Mme fa a itsholofetse o tshwanetse go ikgapha mo dilong tse dingwe go itsa diemo tse di ka bakang ditlamorago tse di maswe ka nako ya fa a le mo boimaneng le ka nako ya fa ngwana a belegwa kgotsa a sena go belegwa.
Se se boletswe ke mosadimogolo, Mme Sephonono Moremedi wa kwa Moshopha mo kgaolong ya Legare mo potsolotsong bosheng. Mme Moremedi,yo o dingwaga di masome a supa le botlhano o itlhalositse fa a ne a belegisa bomme mo malwapeng bogologolo.
A re mme fa a tshwantshanya go ima ga bomme ga gompieno le ga bogologolo o bona gompieno go le borai thata ka bomme ba sa ikilele. O ne a fa sekai ka gore mo malatsing a gompieno bomme ba swa ka dipalo tse dintsi fa ba itsholofetse kgotsa ka nako ya pelegi.
A re mangwe a mabaka e le gore motho a bo a fetile ka seemo sengwe se a neng a sa tshwanela go feta ka sone. Mme Moremedi a re pele go ne go se motlhofo go kopana le dikgang tse.
A re fa mme a itsholofetse ga a a tshwanela go ja dijo dingwe le dingwe, go bereka ditiro tse di bokete le go tsamaya thata gareng ga tse dingwe. O supile gore dijo di tshwana le mae di borai thata go jewa ke mme yo o itsholofetseng ka di dira gore a tsee nako e telele a le mo ditlhabing.
A re gape fa mme a imile o tshwanetse go sidilwa kgapetsakgapetsa e le bontlha bongwe ba go lekola ngwana. Mme Moremedi a re le ntswa botshelo ba gompieno bo fetogile thata fa bo tshwantshiwa le ba maloba, ga a rotloetse bomme go kgaphela setso sa botsetse kgakala. O rotloeditse bomme gore fa ba lemoga ba imile ba itsese bagolo ka bofefo gore ba kgone go ba laya.
A re o tshwenngwa ke bomme ba ba kgonang go ima ba bo ba nna fela kwa ditoropong ba bo ba ya go kopana le bagolo fela ba setse ba tla botsetseng. Mme Moremedi a re fa bomme ba ba itsholofetseng ba ka tswakanya dithuso tsa ba booki le tsa tsamaiso ya segologolo matshelo a bone a ka babalesega botoka thata.
Le fa go ntse jalo, o supile fa a sa rotloetse mme ope go belegela mo lwapeng mo nakong ya gompieno. A re malwetse a a anameng le lefatshe ke one kgwetlho ka a tlhoka boitsaanape jo bo tseneletseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MOSHOPHA
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2014