Monna o tlhokafatse mo kotsing ya tsela
15 Oct 2014
Mapodise a Phitshane Molopo mo kgaolong ya Barolong ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a neng a tlhokafala mo kotsing ya koloi morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologe.
Mo potsolotsong, Assistant Superintendent Benjamin Modimoosi a re kotsi eo, e diragetse ka Labotlhano ka nako ya lesome mo mosong kwa Mmakgori.
A re ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di tlhalosa fa mokgweetsi a ne a latlhagelwa ke taolo ya koloi mme ya thula letlapa le setlhare ya bo e pitokologa.
O tlhalositse fa koloi eo e ne e na le bapalami ba le babedi, e leng moswi le mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro botlhe ba e leng badiri ba lephata la ditsela, ba go bolelwang ba ne ba le mo leetong go tswa kwa Sekhutlane.
Assistant Superintendent Modimooso a re, rre wa mokgweetsi o ne a ragogedisediwa kwa kokelong potlana ya Good Hope kwa ba bongaka ba neng ba rurifatsa fa a tlhokafetse fa mme wa modirikaene a ne a robadiwa go alafelwa dikgobalo.
Assistant Superintendent, Modimoosi a re moswi o tlholega kwa kgotleng ya Xhosa 2 kwa Mahalapye.
E ntse e le kwa Phitshane Molopo, Assistant Superintendent Modimoosi a re ba tshwere banna ba le babedi ba ba tlodileng terata e seng ka fa molaong mme a tlhalosa fa go tlola tereta eseng ka fa molaong e le molato fela o motona yo motho a ka atlholwang madi a a sa feteng P10 000. kana a isiwa kgolegelong dingwaga tse di sa feteng lesome.
Mo go e nngwe tiragalo, a re ka letsatsi la tshipi ba tshwere monna wa dingwaga tse di masome a mane wa letso lwa Se India le mosadi wa dingwaga tsa masome a mabedi le bone wa Motswana, a tshotse masea a mabedi yo mongwe a le ngwaga le dikgwedi tse tharo,fa yo mongwe ale dikgwedi tse tharo,ba tlotseng terata eseng ka fa molaong.
O tlhalositse far rre le mme yoo, ba ne ba na le dibukana tsa mesepele mme bana bone bane ba sena tsone, mme mmaabo a kgona supa ditlankana tsa matsalo go rurifatsa gore bana ke ba gagwe.
O ne a tlatsa ka gore, ba tshwere monna mongwe wa Motswana yo o tlodileng terata e se ka fa molaong mme a tlhalosa fa mme mongwe a ne a mo tsaya a mo fitlha ka jalo mme yoo o tla a lebisiwa molato wa go thusa motho yo mongwe go dira molato a tlhalosa fa a ka bonwa molato a ka atlholwa madi a a ka fa tlase ga P10 000.
Assistant Superintendent Modimoosi a re go tlola terata e se ka fa molaong kwa kgaolong ya bone go lebega e tla a nna selo modiro mme a tlhalosa fa ba tla a diragatsa molao go hema seemo se.
E re dikgang di eme jalo, mapodisi a Woodhall mo Lobatse ba tlhalosa fa rre mongwe wa maina a Sonnyboy Motsilenyane yo o neng a batlwa morago ga beke tse tharo morago ga a sena go timela go bolelwa a bonwe mme a fitlhetswe a tlhokafetse.
Supritendant Madisa a re ba ne ba begelwa rre yoo ke batsadi ba kgaolo ka matlhatso morago ga go amogela pego mo bananyaneng ba go bolelwang ba ne ba tshamekela kwa godimo ga thaba ya “lentswe le kwadilwe” ba bone sengwe se lebega jaaka motho.
A re mapodisi ba ne ba ya kwa lefelong la tiragalo mme ka nnete ba fitlhela e le motho wa rre yo ntseng a batliwa ka se, se rurifaditswe ke mogolowe moswi yo o kaileng fa e le monnawe.
A re o ne a isiwa kwa kokelong ya Athlone go tlhatlhobiwa ke dingaka, mme a tlhalosa fa a ne a bolokiwa ka letsatsi la Tshipi kwa mabitleng a Pitikwe ka gore o ne a le mo seemong se se sa nametseng go ka bewa malatsi a mangwe .
Superintendent Madisa o tsweletse ka go tlhalosa fa ba sepodise ba dirisitse methale yotlhe go batla rre yoo, jaaka go anamisa molaetsa wa patlo ka seromamowa, go tsamaya ba tshotse senepe sa gagwe go botsa batho gore ga ba mo itse le gore ga ba ise ba mmone, go kokometsa senepe sa gagwe mo mafelong a a etelwang kgapetsakgapetsa jaaka marekisetso, dikokelo le dikokelwana, gammogo le yone pampiri ya dikgang tsa letsatsi le letsatsi ya setshaba, go tswa letsholo la go mmatla mo dithabeng tse di dikaganyeditseng Lobatse ,mme go se nko e tswang lemina ka rre yoo.
Supritendant Madisa o ne a gakolola sechaba le morafe kakaretso gore fa ba tsamaya ba nne ba laela ba masika go sa kgathalesege gore loeto e ka tswa e le lwa bokgakalo jo bo kae, a re se seka thusa gore fa go tsenwa mo letsholong la patlo go itsewe gore motho o ka batlelwa ntlha efe.
O ne leboga sechaba ka kemonokeng e ba e ba fileng mo go thuseng go batla rre yoo, a re ke tirisano mmogo e e tlhokafalang ka dinako tsotlhe mme a ba kopa go tswelela ka mowa o montle wa tirisanyo mmogo, a konentelela ka gore, popagano ya setshaba e ka ba tlhohohaletsa tiro ya bone gore ba dire ka natla ka nako tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2014