Bobedi bo gatetetse pele ka temo ya merogo
15 Oct 2014
Rre Kurusa Tsele le mosadi wa gagwe, Mogaetsho, ba Gumare ba itshetsa ka temo ya merogo.
Mme Tsele a re o ithutile ka temo e a sena go e bona mo setshwantshong sa motshikinyego mme a e kgatlhegela fela thata. A ba lema morogo wa cabbage, ditamati le green pepper.
Mo go lemogeng fa ba tsweletse sentle mo temong ya bone balemisi ba kgaolo ba ne ba isa Mme Tsele dithutong tsa temo go tlhabolola dikitso tse a nang le tsone mo temong e.
Mme Tsele a re ba ne ba fiwa dithuso ke ba Financial Assistance Policy (FAP) ka kgwedi ya Mopitlo ka ngwaga wa 2000 mme erile ka kgwedi ya Phatwe ke fa a tswela mo setshabeng ka letsatsi la go ipelela temo (Field Day).
Mme Tsele o boletse fa letsatsi le le ne lefetola botshelo jwa bone ka bareki le bawebi ba ne ba ba bonela gone koo mme ebile ba kgatlela dijo tsa bone. A re ene le monna wa gagwe ba ne ba bereka ka nata ba sa itsape gore batle ba kgone go ntsha maduo mo temong ya bone.
A re dithendara di teng mme di bonwa fela kgakala kwa Maun. A re ba tsieditswe ke batho ba ba neng ba abetswe dithendara tseo ka bone ba ne ba ba thusa ka merogo mme erile morago ba sena go tsaya madi ke fa ba tsena ka lenga la seloko ba ise ba ba duele madi a bone ntswa ba ne ba tsere dijalo tsa bone.
Mme Tsele a re o tshwenngwa ke letlhoko la didirisiwa ka tsa bone di setse di tsofetse, are gape ga a robadiwe ke madi a go duela diconsultant go tlhatlhoba mmu o ba lemang mo go one gore batle ba kope dithuso kwa go ba dibanka.
A re Local Authority Enterprise LEA gape e bagakolotse go dira title deed ya setsha se ba lemang mo go sone mme bone ba sa e tshola selo se sengwe gape se se dirang gore ba retelelwe ke go bona dithuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Atomic Thaba
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2014