Go bala ke mmammane
15 Oct 2014
E re le ntswa bangwe ba dumela fa Batswana e se setshaba se se tlwaelesegileng ka go rata go bala, phetogo ya mekgwa ya ipapatso le tiriso ya maranyane di pateletsa batho go innakanya le go bala.
Mo potsolotsong le mongwe wa banana kwa Bobonong, Mme Karabo Tshoto a re go nna le kitso ya go bala go botlhokwa ka se se ka dira gore batho ba nne le sebaka sa go bona ditiro a supa gore mo malatsi a gompieno bontsi jwa ditiro bo bonwa mo dipampiring tsa dikgang ka go farologana le mo di inthaneteng.
Mme Tshoto a re go bala go mosola segolojang mo baithuting ba ba feditseng mophato wa botlhano ka go ka ba neela sebaka sa go ka dira dipatisiso ka dithuto tse ba eletsang go ya go di dira kwa dikoleng tse di kgolwane gammogo le gone go ithuta ka tsone dikole tse gore di leteletswe semmuso kgotsa ke tse di jang batho ntsoma.
A re go bala go fa motho sebaka sa go ka itse ka dikgang tsa sesheng segolobogolo jaaka lefatshe la Botswana le ipaakanyetsa go ya ditlhophong tsa mo monongwaga.
Mme Tshoto o supile fa go bala go ka thusa motho go itse ka molao a supa gore bontsi jwa batho segolojang bagwebi ba bojalwa ba rekisetsa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse 18 bojalwa kwa ntle ga go tlhoka go itse molao.
Fa a latlhela la gagwe Rre Tirelo Hall a re bontsi jwa bagolo bo balela go itosa bodutu, fa banana bone ba balela go dira dipatisiso (research) jaaka go ithuta ka matshwao a tsela.
O tsweletse a tlhalosa fa banana ba bala thata ka go bo ba batla go itse ka diphetogo tsa boranyane mo mafatsheng.
Rre Hall o rotoeditse setshaba ka kakaretso go inaakanya le go bala ka go ka ba thusa gore ba nne le kitso ya dilo ka bontsi mo lefatsheng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2014