Bagwebi ba tla a bula madirelo ka letsatsi la ditlhopho
15 Oct 2014
Bagwebi ba Mahalapye ba tlhalositse fa ba tla a bo ba tsweletse le ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi ka nako ya ditlhopho.
Bagolwane: Rre Joseph Junkie wa Spar, Rre Molatedi Kgotla wa Choppies, Rre Monkagedi Khunong wa Eureka le Rre Thatayaone Nkwe wa Sefalana gammogo le Rre Kebotsemang Mabifhi wa Furn Mart ba boletse mo potsolotsong gore le fa madirelo a bone a tlaabo a butswe ka letsatsi la ditlhopho, gone ba tla letlelela babereki go ya go tlhopha ka letsatsi leo.
Ba re ere ka letsatsi leo le tla gangwe morago ga ngwaga tse tlhano e bile ele tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go tlhopha, ke sone se ba tsereng tshwetso ya go letlelela badiri ba bone goya go tlhopha ka nako ya dijo tsa motshegare fa bangwe ba tla tlhopha ka go fapaana gore ba seka ba kgoreletsa tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi.
Le fa bagolwane bao ba dumelane tshwetso ya go letlelela babereki go ya go tlhopha, bangwe ba bone ba dumelane gape go duelela badiri ba madirelo a bone madi a go bereka ka letsatsi la boitapoloso fa bangwe ba le sebete se molangwana ka jaana ba re gona le malatsi mangwe a boitapoloso a duelelwang le asa duelelweng.
Mabapi le malatsi a boitapoloso asa duelelweng gammogo le a duelelwang mogolwane wa lephata la tsa pereko le selegae, mme a direla kwa Gaborone, Rre Sylvester Komoki, o tlhalositse fa malatsi ale boferabobedi a boitapoloso ele one a duelelwang fa ale matlhano asa duelelwe.
Rre Komoki o boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA gore malatsi a boitapoloso a duelelwang a akaretsa la boipuso, botsalo jwa Morena, ngwaga o mosa, letsatsi la babereki le letsatsi la ga tautona, fa malatsi asa duelelweng ale matlhano fela.
Bangwe ba bagwebi ba ba neng ba botsolotswa ke ba lekalana la dikgang la BOPA ke ba letso la sechaena ba ba neng ba sa tlhomamise ka botlalo gore ba tla neela badiri ba bone sebaka sa goya go tlhopha ka jaana ba ise ba neelwe ditaelo ke bagolwane ba bone.
Fa dikgang di eme jalo mogolwane wa ofisi ya lekgotla le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho mo Mahalapye Bophirima Rre Peter Mahlakata, o bolela fa babereki ba mmuso ba ba tlaabong ba theogetse ka letsatsi la ditlhopho ba tla neelwa tshwanelo ya go tlhopha kgwedi eno ele lesome le boferabobedi, fa setshaba sone se tla tlhopha ka Labotlhano wa beke e latelang, kgwedi eno ele masome a mabedi le bone.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2014