Tonota o kganya ka bophepa
15 Oct 2014
Komiti ya ditlhabololo tsa Tonota e akgotse lenaneo la Ipelegeng ka babereki ba teng ba thusa thata mo go phepafatseng motse.
Se, se builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mo kgaolwaneng ya Maaloso, Rre David Ketshogile, mo phuthegong ya tekodiso morafe ka tsa ditlhabololo bosheng. Rre Ketshogile a re o lebogela tirisanyo mmogo e eleng teng magareng ga bone e le komiti ya ditlhabololo tsa motse le babereki ba Ipelegeng.
A re babereki bao ba Ipelegeng ba dira tiro e ntle thata mo go phepafatseng motse. Rre Ketshogile a re e sale jaaka komiti e tlhophiwa kgwedi tse tharo tse di fetileng ga go ise go nne le makgwere ape magareng ga bone le babereki ba Ipelegeng.
E rile a ntsha dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone e le komiti, Rre Ketshogile a nankola dingwe di tshwana le go tlhoka go duelwa ga matlo a a hirisediwang batho.
A re motlhala o ba o fitlhetseng mo komiting e e neng e sa tswa go phatlaladiwa ka kgwedi ya Seetebosigo o supa gore banni ba ba nnang mo matlong ao ba ne ba sa duele ka nako, a tlatsa ka gore go supagala gore nako dingwe ba ne ba sa duele gotlhelele.
A re bangwe ba bone ba ile go berekela kwa mafelong a sele mme fa ba leka go ikgolaganya le bone go a retela ka bangwe dinomore tsa bone tsa megala di sa tsene gotlhelele fa ba leka go di leletsa.
A re sebe sa phiri ke gore dituelo tseo ke tsone tse ba neng ba ka di dirisa go ntshafatsa matlo a bone gore a kgone go ngoka ba ba tlaa tlang.
Mme Pauline Lesole o ne a tlhalosa fa a bona go le botoka gore batho ba ba sa ntseng ba nale sekoloto sa matlo ao ba tseelwe dikgato ka go isiwa kwa kgotlatshekelong.
A re molao fela ke one o ka berekang mo nakong ya gompieno ka bone e le komiti ba reteletswe makgetho a mantsi.
Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa komiti, Rre Ketshogang o ne a kaya fa go nale bangwe ba ba neng ba hirisitse matlo ao ba ba setseng ba simolotse go duela dikoloto.
Rre Lebogang Kesupang o ne a tlhalosa fa a lebogela gore maloko a komiti ba ne ba bona go le maleba gore ba tle go buisana le morafe ka dikgang tsa go nna jalo go nale gore ba tseye ditshwetso ba le nosi.
Modulasetilo o ne a lebogela thotloetso e ba e boneng go tswa mo dikgosing a tlatsa ka gore komiti ya bone e akaretsa dikgotla di tshwana Maaloso, Maboledi le Borolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : FRANCISTOWN
Event : Phuthego
Date : 15 Oct 2014