Moithuti o kgothatsa bangwe ka ene
15 Oct 2014
Moithuti kwa sekoleng se segolwane sa Boitshoko JSS kwa Molepolole, Reginald Keikotlhae o kgothaditse banana go beeletsa mo dithutong tsa bone.
Keikotlhae yo o dirarang mophato wa bobedi, o buile se mo moletlong wa kabo dimpho wa sekole seo bosheng, Phalane a le lesome, kwa Molepolole. O rotloeditse bana ba sekole ka ene go lemoga boleng jwa thuto, a re ba tlhwaafalele go e tsaya tsia, a tlatsa ka gore ke yone e ka ba dirang se ba eletsang go nna sone mo setshabeng.
E rile a fa sekai, Keikotlhae a re fa dipula di phaila, batsadi ba ipaakanyetsa go lema, a supa fa selo se se botlhokwa thata mo temong ele peo. A re peo fa e sena go lemiwa, batsadi ba dira tse tsotlhe tse ba di kgonang go tlhokomela peo eo; e nosediwa e bo e tlhagolelwa gore e seka ya hupediwa ke mhero.
Monana yo, o ne a tshwantshanya peo le thuto. A re bone ele bana ba sekole ba ba iseng ba tsene thata mo temong, ba tshwanelwa ke go lema thuto e a reng ke yone peo ya bone.
A re ba lebaganwe ke go dira mo gotlhe ba ka go kgonang go tlhomamisa gore peo e, e tlhokomelwa ka go bala le go dira tiro e ba e fiwang ke barutabana.
Keikotlhae o kgadile a sakgwe mathe bana ba sekole ba a reng ba direla barutabana bodipa le bogoma mo dikoleng, a re ke boitsholo jo bo sa letlelesegeng le mo setshabeng, a tlatsa ka gore bana ba ba dirang jalo ga ba ke ba nna le bokamoso jo bo siameng.
“Boitsholo jo bo makgasa le thuto ga di kopane, mme fa reka tlhokomela peo e, e tla aga bokamoso le go tlatsa ditoro tsa rona”, a gatelela.
O ne a wetsa ka go kopa batsadi go tsaya karolo mo dithutong tsa bone go tlhomamisa gore lefa ngwana a palelwa ke thuto mme boitsholo jwa gagwe jone e nna jo bo eletsegang mo setshabeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 15 Oct 2014