Boko o kopela UDC tlhopho
14 Oct 2014
Moeteledipele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) Rre Duma Boko o kopile batlhophi ba Ramotswa go tlhopha lekgotla la gagwe la sepolotiki ka le ikaelela go tsaya Batswana ka tlhwaafalo le go ba fa seriti.
Rre Boko o buile seo ka Tshipi fa a buisa phuthego ya sepolotiki kwa Ramotswa. Rre Boko o kgadile puso ya nako eno e e eteletsweng pele ke ba Botswana Democratic Party (BDP), a re e paletswe ke go tlhabolola matshelo a Batswana le go ba fa seriti se se ba tshwanetseng.
A re ba dumela gore Batswana ba tshwanetse ba busetsa seriti sa bone ka go tlhopha UDC, mme a tlatsa ka gore motho o tshwanetse go itsaya ka thoafalo pele a ka solofela go tsewa ka tlhoafalo.
A re motho yo itsayang ka tlhoafalo ga a kake a itetlelela go nyenyefadiwa ke motho ope go sa kgathalesege gore motho yoo ke wa seemo sefe. Rre Boko a re motho o tshwanetse go tlhabololwa gore a kgone go ithekela diaparo le dikobo tse a di ratang e bile a di itlhophela.
“Fa o itsaya ka tlhwafalo hempe e o e aparang ke e e tlhophilweng ke wena, le mmala wa yone le mosego wa yone ke o o ratwang ke wena, ga o tlhophelwe seaparo ke ope”.
A re motho yo o itsayang ka tlhwafalo ga a kake a letlelelwa go fiwa sepe se se mo nyenyang. Fa tswelela, Rre Boko a re go bo babereki ba Ipelegeng ba sa fiwe didirisiwa di tshwana le diatlana, diaparo tsa pereko le tse dingwe, go a ba babalela mo tirong ya bone, e bile go supa fa ba sa tsewe ka tlhoafalo.
A re puso ya nako eno ga e tseye batho ka tlhoafalo ka e paletswe ke go fetola matshelo a bone e bile ga e ba tlotle. Ka jalo, a re batlhophi ba tshwanetse go tima pathi ya Domkrag tlhopho ka e palelwa ke go ba fa seriti se se ba tswanetseng.
A re ele ba UDC ba tla tlhomamisa gore go nna le ditiro tsa sennela ruri tse di tla dirang gore Batswana ba bereke ditiro tse di tla ba fang seriti.
O ne gape a re puso ya nako eno, e palelwa ke go arabela dilo dingwe tse di sa dirweng sentle mo lefatsheng leno, a fa sekai ka tiro ya Morubule B, kwa a reng madi a setshaba a sentswe mme ga gona ope yo o bonang go le maleba go tlhalosetsa setshaba.
Rre Boko a re batlhopi ba tswanetse ba itse fa ele batho ba tlhwatlhwa e bile ba tshwanelwa ke tlotlo. A re fa batlhophi ba ya matlhophelong, ba tlhophe UDC gore e ba fe seriti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonang Masolotate
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya phatlalatsa
Date : 14 Oct 2014