Breaking News

Baithuti ba gakolotswe go ikgapha

14 Oct 2014

Baithuti ba ba sa tswang go fetsa dithuto tsa lekwalo la bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go itse fa monate wa lefatshe o sa fele mme ka jalo ba seka ba itshenyetsa bokamoso ka go tabogela go tsena mo maratong ba sale bannye, ka nako e e tshwanetseng e tla goroga.

Fa a bua kwa moletlong wa go tsamaisa sentle baithuti bao, mookamela lekalana le le itebagantseng le tlhokomelo ya baithuti e bile e le morutabana go tswa kwa sekoleng se segolwane sa Mahupu, Rre Mompati Tlhabiwe, yo e neng e le sebui sa letsatsi, o tlhaloseditse baithuti gore ba seka ba tabogela monate wa nakwana o o ka sekeng o ba ise gope mo botshelong fa e se go ba wetsa ka lemena fela.

Rre Tlhabiwe a re baithuti ba tshwanetse go itse lebaka la go bo ba tsena sekole. 

O ne a ba kaela gore ba seka ba pataganya thuto le sepe gore ba tle ba fitlhelele ditoro tsa bone mme morago ba je monate o ba o eletsang ba sa tshwenngwe ke sepe ka ba tlaabo ba kgona go itshedisa e bile ba tlaabo ba ipetletse bokamoso. 

A re monate o banana ba ikamantseng le one o tsisa matlhotlhapelo fela mo matshelong a bone le go ba wetsa ka lemena, mme a ba gwetlha go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone le go reetsa dikgakololo tsa batsadi, ka go itlhokomolosa seo go tla dira gore ba thanye lo le tsebeng, ba setse ba babalelwa ke ditlamorago tsa botlhokatsebe

O ne a ba lemotsha fa ba tla tswelela ba itemogela dikgwetlho di le mmalwa ka ntata ya go gola le diphetogo tse di diragalang mo mebeleng ya bone, a bua jalo a ba lemotsha fa motho ka boene a ka ikgethela gore o batla go tshela jang, ka go tsaya ditshwetso tse di maleba ka nako ya gagwe ya bonana.

O tsweletse ka go supa fa setlhogo sa letsatsi se se reng ‘Moremogolo go betlwa wa taola wa motho wa ipetla’ se le maleba fela thata mo go lemotsheng bosetlabosheng fa go le mo maruding a bone go itirela tse di siametseng matshelo a bone.

E ne ya re a tswa la gagwe mooki kwa kokelong ya motse oo, Rre Pelontle Mogae, a supa fa dikgang tsa boimana jwa banana le malwetsi a tlhakanelo dikobo di ile magoletsa mo kgaolong mme go lebega di ama bana ba dingwaga tse di kwa tlase fela thata.

A re go ima mmangwana a sale monnye ga go mo senyetse sekole fela mme gape ga go a siamela botsogo ka jaana mmele o abo o ise o nne mo seemong se se siameng sa go tshegetsa boimana joo, e bile go mo tsenya mo diphatsheng tsa go iphitlhela a tsenwe ke mogare. Rre Mogae o ne ka jalo a ba kgotlhatsa go ikgapha gotlhelele mo go tsa tlhakanelo dikobo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Moletlo wa tsamaya sentle

Date : 14 Oct 2014