Ba Werda ba kopiwa go tlhopha UDC
14 Oct 2014
Banni ba Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe mo phuthegong ya phatlhalatsa e e neng e buisiwa ke ntlhopheng wa bopamalente wa UDC, Rre John Toto go nna seopo sengwe mo ditlhopong tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi eno eya fifing mme ba tlhope baemedi ba phathi ya Umbrella for Democratic Change.
Mafoko a, a builwe ke dibui ka go farologana mo ipapatsong ya phathi eo e moono wa yone e neng ele go bapatsa ntlhopheng wa bokhanselara, Rre Hendry Louw.
Fa ema batsena phuthego eo ka lefoko, Rre Toto o tlhalositse fa phathi ya UDC e kgathala ka Batswana ka e batla go bona ba dule mo lehumeng ka jalo ba tshwanetse go netefatsa gore ba e neela sebaka sa go busa.
A re ba tshwanetse go tlhopha Rre Louw ka jaana ele ngwana wa bone yoo goletseng mo motseng wa Werda mme seo se raya gore o itse mathata a bone.
Rre Hendry Louw ene o tlhalositse fa a bone a patelesega go emela ditlhopo ka gore mokhanselara wa nako eno yo o ka fa tlase ga phathi e busang ya Domkrag o paletswe ke go buelela kgaolo.
O tsweletse ka go tlhalosa fa a tshwanetse go tlhophiwa ka gore otswa kgakala a direla motse oo, a tlatsa ka gore puso ya nako eno ga e kgathale ka bone mme ka jalo ba tshwanetse go e tlhopholola.
O boletse fa phathi ya UDC e kgathala ka batlhophi mme e tlaa netefatsa gore e baya dikeletso tsa bone kwa pele. A re faba tsaya puso ba ya go oketsa madi a bagodi le gone go tlhama ditiro tota.
O tlhalositse gore ka fa tlase ga puso ya bone, batlhophi ba tsile go nna le sebaka sa go ikgethela mananeo a ba a batlang. Rre Louw a re ba tsile go netefatsa gore ba tokafatsa seemo sa thuto gore ere fa dialogane di fetsa di kgone go bona ditiro ka bonako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : WERDA
Event : Phuthego ya phatlalatsa
Date : 14 Oct 2014