Breaking News

Go rena boitumelo kwa Nswazwi

14 Oct 2014

Banni ba Nswazwi ba ba boetseng Botswana ka 2006 morago ga go tshabela kwa Jetjeni kwa Zimbabwe ka 1947 ka mathata a dikgotlhang tsa bogosi tsa nako eo, ba re go rena boitumelao fa ba sale ba goroga mono.

Mo potsolotsong banni ba re go fetile dingwaga di ferabobedi ba boile mme ba ntse ka tshosologo, go sena pelaelo epe fela.

Mongwe wa bone ke Rre Olatotswe Moyo yo o dingwaga di masome a supa le borobabongwe. A re ka nako ya fa ba tshabela kwa Zimbabwe o ne a le dingwaga di le lesome le bobedi fela, ka jalo bontsi jwa ditiragalo tsa nako eo o santse a di gakologelwa.

A re ka nako ya fa ba tshaba, go ne go le bohutsana, go se monate ka batsadi ba gagwe ba ne ba phuaganya bontsi jwa dithoto tsa bone. 

“Legale tseo ke tse di diragetseng bogologolo, re setse re lebetse ka tsone e bile re ka se supe ope ka monwana,” ga bua jalo rre Moyo.

A re se se botlhokwa ke gore puso ya lefatshe leno e ile ya dira molemo ka go ba rulaganyetsa go boela lefatsheng la bone la tlholego. Rre Moyo a re seo se supa kagiso, tlhokgamo le popagano.

A re se se itumedisang le go feta ke gore ka nako ya fa ba ikgata motlhala, ba fitlhetse ba baakanyeditswe, dilo di eme ka maemo a tsone jaaka ditsha tsa bonno le tsa masimo gone mo motseng wa Nswazwi.

Rre Geoffrey Chuma ene o dingwaga di le masome a marataro le botlhano. O supa fa a ne a belegelwa kwa Zimbabwe ka one ngwaga wa 1947 fa batsadi ba gagwe ba sena go goroga kwa Jetjeni.

A re le fa a boetse gae a setse a godile o leboga go bo ba ne ba letlelelwa go tsaya dithoto tsotlhe tsa bone go tswa Zimbabwe. A re ka leruo le ne le sa letlelelwe go tlodiswa mololwane, go ne ga dirwa thulaganyo ya gore ba le rekise gone kakwa.

Rre Chuma a re seo se ne sa ba sologela molemo ka gone ga nna mothofo go reka le lengwe mo Botswana ka dithebenyana tsa bone.

O tlhalositse gore fa e sale ba goroga ga ba ise ba kgetololwe le fa e le tswewa jaaka badichaba. 

A re le fa ba santse ba emetse go nna le dipampiri tsa boagedi, ba ne ba tswelela fela ka go amogeala dithuso tsa botlhokwa di akaretsa kalafi le tse dingwe.

A re le ban aba bone ba ne ba amogelwa sentle kwa dikolong mme ba kgona go tsweledisa dithuto tsa bone go sena bothata bope.

Kgosi Madawu a re morago ga go amogelwa semmuso mo motseng, baeng ba ne ba seka ba ipona tsapa go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse jaaka dikomiti ka go farologana ga tsone.

Kgosi o bile a supa fa bangwe ba setse ba filwe dithuso tsa mananeo a puso tse maikaelelo a tsone e leng go tlhabolola matshelo a Batswana.

Nnete e e sa jelweng peko ke gore golo ko motseng wa Nswazwi go rena boitumelo, fa o reeditse morafe o tlotla ka tse di ba diragaletseng ka nako eo o tla lemoga fa tsa maloba ba di beetse kwa tlhoko.

Fa ba tsere dikgang jaana ba tletse ditshego e bile ba eta ba supa ka fa ba neng ba dira ka teng ka nako ya mekubukuby fa ba tshabela kwa Jetjeni. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 14 Oct 2014