Batlhophisi ba kopilwe go sala molao morago
14 Oct 2014
Batlhophisi ba kopilwe go tsamaisa ditlhopho ba setse molao wa ditlhopho morago, gore ba kgone go di tsamaisa ka matsetseleko, di gololesegile gape ba sa tseye letlhakore.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa ofisi ya ditlhopho, Mme Thandi Job, fa a ne a ba rutuntsha ka go tsamaisa ditlhopho. O ba kopile go tsaya ditlhopho ka tlhwaafalo, ba bule matlhophelo ka nako le gone go simolola go tlhophisa ka nako.
Mme Job o ne a tlhalosa fa matlhophelo a tshwanetse go bulwa ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya borataro, mme a tswalwe ka nako ya bosupa maitseboa, kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bone.
O tlhalositse fa batlhophisi ba tlaa tlhopha kgwedi ya Phalane e le lesome le borobabobedi, a bo a bolela fa ba tshwanetse go tsaya didirisiwa tsa ditlhopho letsatsi pele ga letsatsi la ditlhopho.
Mme Job o tlhalositse fa mookamela matlhophelo a filwe dithata tsa go laela mapodise go koba ope fela yo o sa itshwareng sentle kwa matlhophelong.
O supile gape fa a tshwanetse go bula lebokoso le go latlhelwang ditalama tsa tlhopho mo go lone pele ba ka simolola go tlhophisa; go bontsha ba ba nang le ene gore ga le na sepe mo teng, a bo a le lotlela pele tiro e simolola.
O boletse fa go tla nna le motlhophisi yo o tlaa tlholang maina a batlhophi kwa ntle ga matlhophelo, mme a kwale mo pampiring ya motlhophi gore leina la gagwe le mo tsebeng efe.
O gakolotse batlhophisi go ela tlhoko gore omang wa motlhophi o mo tirisong, ka jaana ba na le go tlodisa seo matlho.
O ne a tlhalosa fa motlhophi a tshwanetse go tla ka karata ya ditlhopho, Omang yo o mo tirisong le gore leina la gagwe le bo le bonala mo bukeng ya ditlhopho.
Mme Job o tlhalositse fa bontlhopheng ba tlaa nna le balebeledi ba bone ba le babedi mongwe le mongwe, mme ba tshwanetse go ntsha lekwalo la itshupo.
O boletse fa mookamela matlhophelo a tshwanetse go bona lekwalo leo fela, a bo a le busetsa mong wa lone.
A re tlhopho e e tsewang e le yone, ke ya fa motlhophi a dirile letshwao eseng mokwalo, gape a tshwaile mo lebokosong go lebagana le sekano sa ntlhopheng. Mme Job o boletse gape fa mookamela matlhophelo a tshwanetse go bolela fa matlhophelo a tswetswe ka nako ya go tswala, mme a tshwanetse go laela mapodise go tswala diheke mme ba tswelele ba tlhophisa ba ba sa ntseng ba le mo matlhophelong.
O boletse fa motlhophisi a sa tshwanela go itumelela ntlhopheng yo o fentseng, ka go dira jalo o tlaa bo a senya tlhopho.
Mogolwane wa mapodise a Ramotswa Superintendent Mothusi Phadi, o ne a gakolola botlhe go ela tlhoko gore dikarata tsa bone tsa ditlhopho le tsa Omang di teng, di babalesegile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Dithutontsho
Date : 14 Oct 2014