Breaking News

Tlotlang dikereke - Motlhagodi

14 Oct 2014

Mookamedi wa makgotla a dikereke tsa semoya, Rre Philemon Motlhagodi, o kopile dikereke tsa semoya kwa Lecheng le tikologo go tlotla kereke, a re ke molao wa Modimo.

O buile jalo fa a ile go lekola maloko a dikereke tsa semoya kwa Lecheng kwa kerekeng ya New St Convenient. A re go ikgaoganya ka makgamu mo kerekeng ga se go tlotla kereke ke go gataka molao wa Modimo ka dinao le go o sotla.

A re makgamu a a rotloediwa thata ke batho ba e a reng ba a lemoga mo kerekeng ba bo ba sa kgaleme go tlotla le go sireletsa seriti sa kereke. A re makgamu a itsa kereke go gola.

Rre Motlhagodi a re o tshwengwa thata ke batho ba ba gogelang maloko a masa mo kerekeng gone mo makgamung a, a kaya fa go sa thuse ka sepe ka go ka se thuse maloko ao go sokologa.

Fa a tswelela, a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itse molao motheo wa kereke le tsamaiso ya kereke gore a seka a iphitlhela a hapogile tsela, mme a kopa gore go seka ga kgethololwa bomme mo kerekeng.

A re fa go nale mangwe maemo a a batlang batho le bone fela jaaka borre ba fiwe monyetla oo wa go etelela phuthego.

Rre Motlhagodi a re o kopa gore baruti ba tlotliwe, le gore fa ba sena sebanang le sone phuthego e ba ithaopele e ba rekele, a tlhalosa fa go tlhabisa ditlhong go bona nako tse dingwe bishop a eme fa thoko ga tsela a kopa sepalomo letsatsi le tserema kana fa gongwe a palame bese, dikgang tse di mo teng ga yone di tlhabisa ditlhong mme ele motlotlegi wa rona mo kerekeng re palelwa ke go mo kolekela re mo rekela koloi e a ka tsamaya ka yone a sireletsegile a sa sokole.

E rile a bua ka seporofito, a re bangwe ba se dirisa ka fa go sa letlelesegeng mme tshwanelo ke gore se dirisiwe fa go nang le boamaaruri, ba setlotlomatse se ba thuse, se seka sa ba tlhabisa ditlhong.

Godimo ga moo, a re bangwe ba setse ba sietse kwa dikerekeng tsa bo-Fire, bangwe ba tshela ka go fitlha baporofiti ba batswakwa mo mantlong ba re ba kopa dithuso mo go bone.

A re batsadi ba rotloetse banana ba dikereke tsa semoya gore ba ithute go dirisa maranyane ka ele yone thuto ya malatsi a, a tlatsa ka gore baye kwa go ba ofisi ya metlobo ya dibuka, ba e go ithuta le kwa dikoleng ka gore o lemogile gore banana ba kereke tsa semoya ba saletse kwa morago mo thutong ntswa ele yone bokamoso jwa mongwe le mongwe.

Tebang le ditsheko tse di diragalang mo malokong a kereke, o ne a kopa gore ba emise go isa ditsheko tsa bone kwa dikgotla tshekelong tsa puso, a re ba di tsise mo lekgotleng la kereke gore le tle le ba letlanye.

Rre Motlhagodi o ne a kgothatsa maloko a dikereke gore ba e go tlhopha, a bo a gakolola gape gore ba seka ba bua dikgang tsa sepolotiki mo kerekeng.

A re gape go seka ga nna le moruti ope yo e yareng a kgothatsa batho ka ditlhopho a bo a sokametse kafa le tlhakoreng lepe.  E rile a ba tlhalosetsa ka mokgatho wa OAIC, Mme Lebogang Rasesigo are ke mokgatho o o diretsweng go tshwaraganya dikereke tsa semoya, go di ruta tsamaiso ya tumelo ya sekeresete gore di kgone go tsamaya mo forong ele nngwe fela, a tlatsa ka gore le fa nngwe le nngwe e bidiwa ka leina la yone tsamaiso yone e nngwe fela.

OAIC e kgothatsa maloko a dikereke go nna le seabe mo ditirong tsa puso jaaka go ntsha dimpho tsa bopelotlhomogi le go lwantsha bolwetse jwa segajaja jwa HIV /AIDS.

Fa tswelela a re go na le kgwetlho e tona ya banana ba ba tlhakanelang dikobo kwa ntle ga lenyalo, a tlhalosa fa e bile se se rotloetsa gore malwetsi a dikobo le boimana jo bo sa baakanyediwang bo nne teng, jo e bile bo kgoreletsang bana kwa dikoleng go tswelela le thuto.

O ne a kopa dikereke gore di nne di etela kwa dikoleng go bua le baithuti le go ba beela merapelo go lwantsha dikgwetlho tse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Bokopano

Date : 14 Oct 2014