Breaking News

Masika a gopola mogaka wa poko

14 Oct 2014

Bana, masika le ditsala tsa mogaka wa pele wa poko ya setso, Rre Sekokotla Kaboeamodi yo o sa tlholeng ale mo botshelong, ba ne ba phuthegela kwa kgotleng yoora Sebego mo Kanye go mo tlotla le go mo gopola le mohumagadi wa gagwe Dikeledi.

E rile a bua kwa moletlong wa go apola matlapa a boora Kaboeamodimo, Rre Gasegodira Kaboeamodimo, yo ebileng ele moruti wa Kereke ya UCCSA a re ba sa ntse ba gakologelwa maboko aga Rre Kaboeamodimo. O tlhalositse gore maboko a gagwe a ne a itebagantse thata le go boka botautona le magosi a ga Ngwaketse segolo thata moswi Kgosi Bathoen II.

Moruti Kaboeamodimo a re mangwe a maboko a ga Rre Kaboeamodimo a gatisitswe mo seromamoweng sa Botswana, a bo a nankola lengwe le le reng Bangwaketse lo tlhobaetsa Kwena boroko (Kgosi) go lala e ile dikgofeng; fa le lengwe lene lere Mosadi wame Mma Keneilwe nnela metsi ke tlhapise Kwena diatla.

A re Rre Kaboeamodimo kgotsa Rra Keneilwe jaaka bangwe ba ne ba mmitsa, o ne a dira poko ya gagwe ka botswerere jo bogolo mo baeteledipele ba lefatshe le bone ba neng ba bo lemoga e bile ba mo rotloetsa mo tirong ya gagwe.

A re Rre Kaboeamodimo yo eneng ele mophato wa Matloladibe, e bile ele leloko la kereke ya UCCSA, o ne a abelwa seetsela ke tautona wa pele wa lefatshe leno moswi Sir Seretse Khama, a ba a abelwa se sengwe ke tautona wa bobedi Sir Ketumile Masire.

O tlhalositse fa Rre Kaboeamodimo a sa le a tlhokafetse ka ngwaga wa 1996, fa mosadi wa gagwe ene a tlhokafetse monongwaga ka kgwedi ya Motsheganong mme botlhe ba bolokilwe mo Kanye, kwa mabitleng a Mpuutsane.

Erile a bua mo boemong jwa bana, Mme Metsiatsile Ketshabile a tlhalosa fa batsadi ba bone ba ne ba ba ruta lorato le tlotlo gore ba tlotlane le go itse gore motsadi mongwe le mongwe ke motsadi wa bone.

Mme Ketshabile o tlhalositse gore motsadi wa bone wa rre e ne e le motho yo bogale thata fa tshwantshanngwa le Mma Keneilwe, yo ene a neng a le bokgwabo thata.

A re batsadi ba bone ene ele balemi barui mme ba rata temo thata ebile ba itshetsa ka yone ka jalo ba seke ba bolawa ke tlala, a re le bone ele bana seo se ne sa ba ruta go itse fa botshelo jwa temo bo le mosola thata, a gatelela ka gore batsadi ba bone ba ba godiseditse mo tumelong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Moletlowa go apola matlapa

Date : 14 Oct 2014