Batawana ba tla ipelela matsalo a ga Tawana
14 Oct 2014
E tlaare ka Matlhatso, Phalane a le lesome le borobabobedi, Batawana ba kgobokanele kwa kgotlengkgolo go ipelela matsalao a kgosikgolo wa bone Kgosi Tawana Moremi.
Kgosi Moremi o tlaabo a ipelela dingwaga di le masome a mane le botlhano. Moletlo oo, o o eteletsweng pele ke mophato wa ga kgosi o tla tsenwa ke matshwtitshwiti a morafe go tswa mo kgaolong yotlhe ya Ngamiland.
Dipaakanyo di tsweletse sentle ka jaana komiti e supile fa morafe o tsweletse ka go ntsha dimpho gore tiro eo e atlege.
Komiti ya re e setse e kgonne go phutha dikgomo di fera bobedi ka jaana e solofetse batho ba ka tshwara 5 000 go tsena tiro eo. Go boletswe gape fa bagwebi le bone ba tsentse letsogo mo tirong eo ka jaana bangwe ba setse ba solofeditse dimpho.
Komiti eo, e lekodisa morafe fa dipaakanyo tsa tiro eo di tsweletse sentle e bile le ba bogosi ba amogetse mogopolo wa mophato wa Matsaakgang ka diatla tsoo pedi, ka jaana ba lemoga fa o rotloetsa tshwaragano, kagiso le thokgamo mo morafeng wa Batawana.
Morafe le one o ne wa iteela legofi mogopolo oo, ba supa fa o tlaa busetsa serodumo sa kgotla le bogosi jwaa Go-Tawana. Komiti e ne ya supa gape fa e eletsa gore letsatsi leo le ka kopanngwa le go ipelela ngwao ya Setawana jaaka merafe e mengwe e dira.
Ba re e ka nna letsatsi le legolo le le ka nnang le ipelelwa ngwaga le ngwaga fela jaaka morafe wa Bakwena o na le letsatsi la Dithubaruba.
E ne ya re a latlhela la gagwe, Kgosi Charles Letsholathebe o ne a tlhalosa fa mophato o sale o batlile go ipelela letsatsi leo ka Phalane a tlhola malatsi a le matlhano mme ba ne ba sutisa tiro ka jaana tautona wa lefatshe leno a ne a etela kgaolo ya Ngamiland.
Tiro eo e tlaa natefisiwa ka mmino, meopelo, maboko le metseletsele ya metshameko. Komiti ya re ka letsatsi leo ba eletsa gore mophato wa ga kgosi o bo o mopotapotile fa ene a tlaabo a pagame pitse go tsena mo kgotleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 14 Oct 2014