Breaking News

Ba Khakhea ba batla molao wa matimela o fetolwa

14 Oct 2014

Banni ba  Khakhea mo kgaolong ya Borwa ba supile fa ba eletsa gore ditshetlana dingwe tsa molao wa matimela di ka fetolwa go tsamaisanya le dinako tsa segompieno.

Banni bao ba ntshitse maikutlo a bone kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona ya dikgaolo le tlhabololo magae Rre Peter Siele bosheng, e maikaelelo a yone e neng ele go tsaya megopolo ya morafe mabapi le phetolo molao e.

E rile a ba baya lefoko pele, Rre Siele a supa fa molao wa matimela o sale o dirisiwa bogologolo mme ka jalo o siilwe ke dinako.  A re ere ntswa bogologolo matimela ene ele boikarabelo jwa bogosi ka thuso ya mephato, mo bogompienong a imela dikhansele ka go dirisiwa madi a mantsi go a tlhokomela.

O boletse gape fa le lone lemme le le lopiwang beng ba leruo le le timetseng ese la sepe, ka leruo le le ja mo kgetsing ya dikhansele.

A re ere ka jaana sengwe le sengwe se dirwa ka molao, ga gona jaaka dikhansele di ka fetola ditlhwaltlhwa tse di di lopang beng ba matimela ntle le go fetolwa ga molao. 

A re Batswana bangwe ba dule ka mogopolo wa gore boikarabelo jwa matimela bo busediwe kwa bogosing ka bo imela dikhansele, mme a tlhalosa fa se se le dingalo ka jaana go sa tlhole gona le mephato e e nonofetseng go tlhokomela leruo leo.

O buile gape fa bangwe ba kile ba umaka gore lephata la temo-thuo e nne lone le tlhokomelang matimela ka jaana boitseanape jotlhe le bongaka jwa leruo bo fitlhelwa kwa lephateng leo.

E rile a kgwa tona dikgaba, Mme Gloria Kgole a supa fa a dumelana le gore khansele e imelwa ke go tlhokomela matimela a lebile gore madi a a duedisiwang beng ba leruo ga se a sepe. 

A re nako ya go tshegetsa matimela pele fa a rekisiwa e fokodiwe go tswa kwa dikgweding tse thataro go nna tse tharo, gore madi a a dirisiwang go duela batlhokomedi ba leruo le a fokotsege.

A re go na le gore matimela a ntshiwe mo khanseleng, go ka okediwa madi a a duedisiwang ka letsatsi go tswa kwa go P2.00 go ya kwa go P10.00, ka gore gole gantsi ditirelo fa di fudusiwa mo khanseleng di feta di pala kwa pele, fela jaaka seemo sa metsi se sokodisa Batswana.

Mme Margaret Semothoteng ene o ne a tlhalosetsa tona fa go ka nna botoka gore batho ba dise leruo la bone ka jaana matimela a humanegisa puso. 

A re ere ka jaana go supega barui ba ikaegile thata ka khansele go ba disetsa, madi a okediwe go nna P20.00 ka letsatsi. 

Le fa go ntse jalo, ga bo go na le ba ba dumelang gore madi a a lopiwang beng ba leruo le le timetseng a mantsi. Rre Keetile Moitlhobi a re P2.00 yo o duedisiwang ka letsatsi o montsi, a fokodiwe ka gore barui ba palelwa ke go a duela.

Rre Nelson Motsholopi o ne a kopa gore khansele e ithole morwalo wa matimela e o neele lephata la temo-thuo ka jaana le na le dingaka tsa leruo. A re dikhansele ga di a tshwane

la go eteletsa kgang ya go kgobokanya madi ka matimela kwa pele ka jaana kgang e e ba palela e bile e ka tsamaisiwa botoka ke bone ba leruo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KHAKHEA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Oct 2014