Breaking News

Borre ba kgothadiwa go itlhatlhobela HIV

13 Oct 2014

Borre kwa Khwee mo kgaolong ya Boteti ba kgothaditswe go itlhatlhobela mogare wa HIV le go tsaya karolo mo go o thibeleng.

Fa a bua mo thuto puisanong e maikaelelo a yone e neng ele go rotloetsa borre go ema bomme ba bone nokeng fa ba itsholofetse, molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati o tlhalositse fa borre ba le  bofefo go kopa marato mo go bomme e bile gape ba di goga kwa pele mo kgannyeng ya tlhakanelo dikobo mme fa go setse go tsenwa mo dikgannyeng tsa go itlhatlhoba ba goga dinao .

O kopile bomme go netefatsa gore ga ba tsene mo tlhakanelo dikobong le borre ba ba sa itlhatlhobelang mogare wa HIV ka ele bone ba ba babalelwang ke ditlamorago tsa tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang.

Rre Porati o gakolotse banana go itlhatlhoba pele ga ba tsena mo maratong gore  ba itse seemo sa bone gammogo le sa ba ba tsenang mo maratong le bone gore fa ba batla go tshola bana ba bo ba itse seemo sa bone.

O tsweletse a re motho o tshela gangwe  fela ka jalo mongwe le mongwe  o tshwanetse a itseela ditshwetso tsa go tlhokomela botshelo jwa gagwe a dira jalo ka go itlhatlhobela malwetse ka go farologana le go dirisa mananeo a botsogo a a fiwang ke ba bongaka.

O tsweletse a tlhalosa gore ke tshwanelo ya batsadi boo babedi go bona gore ba tshola ngwana yo o senang mogare, ba dira jalo ka go itlhatlhoba pele ga mme a ima. 

A re fa mme a imile a na le mogare go botlhokwa gore rre a mo eme nokeng ka go tsamaya le ene fa a ya go ikwadisetsa boimana mmogo le lenaneo le le thibelang mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng.

Rre Porati o ba tlhaloseditse gore motho o ka tshela fela sentle kwa ntle ga tlhakanelo dikobo, a bo a ba rotloetsa go itlhotlhobela HIV, TB le malwetse a mangwe gore batle ba fetole seemo ga motse wa bone.

Mooki yo o lebaganeng le lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng (PMTCT), Mme Percia Mmokwa o  tlhalositse fa lenaneo le jaanong le tlhabolotswe ka go akaretsa borre gore bomme fa ba tla go ikwadisetsa boimana ba tle ka maduo a  itlhatlhobelo mogare wa HIV a borre ba bone.

Mme Mmokwa a re dipalo di supa fa borre ba santse ba le maoto a tshupa go neela bomme maduo le gone go tsamaya le bone kwa dikokelong mme seo se dirile gore ba bolotse letsholo le la go lwa ntwa ya borre ka go abelana dithuto tsa botsogo le bone le go ba rotloetsa go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ba na le ba mokgatlho wa Men Sector.

Mogolwane wa sepatela sa Letlhakane, Dr Jacqueline Kasambala o tlhalositse gore ba-na-le seabe ba akaretsa dingaka tsa setso, dikereke, bogogi jwa motse le babega dikgang ba tshwanetse go tsaya karolo mo go anamiseng molaetsa wa botsogo.

Dr Kasambala a re bomme ke bone ba ka rotloetsang borre go itlhatlhoba ka jaana gotwe setshwarwa ke ntsha pedi ga se thata mme e bile ba tshwanetse ba gakololana ka tsa botsogo.

E ne e rile gole pele a amogela baeng, kgosi wa motse wa Khwee Rre Gagoitsiwe Dauwe a tlhalosa fa a tshwenngwa ke banana ba ba tsenang mo maratong ba sale bannye ka go ba bakela dilo di le mmala di akaretsa le tsone dipolaano tsa marato. 

Kgosi Dauwe a re o tshwenngwa ke batho bangwe ba ba tlogelang dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV/AIDS ba ya go nna kwa merakeng mme go felele go baka dintsho jalo a kopa morafe wa gagwe go emisa mokgwa wa go nyatsa dithuso  tse ba di fiwang ke ba bongaka. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Thuto puisanyo

Date : 13 Oct 2014