Breaking News

Kokotsha o tla a nna le motlobo wa dibuka

13 Oct 2014

Khansele ya Kgalagadi e simolodisitse kago ya motlobo wa dibuka bosheng kwa Kokotsha.

Mogopolo o, o tsile ka mmabontle wa dikgaolo wa ngogola Mme Oratile Moapare. Mme Moapare o tlhalositse fa a ne a gwetlhiwa ke go bona bana ba ba sa direng sentle kwa sekoleng se sebotlana sa Kokotsha.

Mothusa tona wa dikgaolo Mme Botlogile Tshireletso o ne a simolodisa mmabontle wa dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo ka ngwaga wa 2013 mme mofenyi o ne a neelwa madi P30 000 go tswa ka lenaneo le a dumelang le ka berekela setshaba. 

Mme Moapare yo o tlholegang kwa Kokotsha o tlhalositse gore e rile go lemoga fa madi ao a ka seke a lekane toro ya gagwe ya motlobo wa dibuka, a ya go kopa thuso kwa go ba khansele mme ba feta ba atla mogopolo wa gagwe.

Mothusa modulasetilo wa khansele Rre Ido Leshope o ne a tlhalosa fa thuto e le boswa jo bo ka se kakeng jwa amogwa ope, a supa fa ba leboga Mme Moapare ka go tla ka mogopolo oo.

A re ba ile ba kopana le ba ga molaodi le maphata a a lebaneng go leka go kgobokanyetsa tiro eo madi. Rre Leshope a re makhanselera le bone ba ne ba rotloetsa tiro eo ka dithuso tse di farologanyeng, a tlhalosa fa a lebogetse mowa oo.

O kopile bagogi ba motse le bone go nna le seabe mo tirong eo mme a tswelela ka go kopa mmabontle yoo gore a se kgobege marapo mme a dire ka natla go bona gore toro ya gagwe e a atlega.

A ne a supa fa motlhala o a o tlogetseng o ka se kake wa lebalwa ke ope, a fa sekai ka lenao la ga matsieng le gompieno le sa ntseng le le teng.

Molalediwa wa tlotla Rre Piet Villander o ne a kopa batho go nna le mowa wa go aba, a re gatwe go “sego letsogo le le abang”. O kopile banni go nna le mowa wa go ipelegega e seng fela go lebelela mo pusong.

A re Batswana ba tshwanetse ba ema ka dinao bogolo jang mo thutong ka ele botlhokwa mo matshelong a bone, a supa fa thuto e le boswa jo ope a ka sekeng a bo amogwa. Fa a leboga mokhanselara Rre Sam Brooks, o ne a leboga Mme Moapare go tlotlomatsa kgaolo ya gagwe.

O ne gape a kgothatsa batsadi go ema bana nokeng mo dithutong tsa bone. Rre Brooks a re tirisanommogo le therisano ke tsone fela di ka dirang gore tiro eo e atlege, awetsa ka gore, “setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata”. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshwanelo Peledi

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya khansele

Date : 13 Oct 2014