Kgamane o bolotsa letsema
13 Oct 2014
E ne yare bosheng morafe wa Bangwato wa tshologela kwa kgotleng kgolo ya Serowe go ya go itseela ka tsebe fa Kgosi Sediegeng Kgamane a ne a bolotsa letsema la monongwaga.
Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa fa e le tlwaelo ya Batswana e bile e le ngwao gore ka kgwedi ya Phalane go bolotswe letsema go golola balemi go ya go lema kwa masimong a bone gonne nako ya temo e a bo e setse e atametse.
O ne a kgothatsa balemi ba motse oo go sala ditaelo tsa ba lephata la temo thuo morago ka nako tsotlhe, ka di ka ba solegela molemo go ntsha maduo a a bonalang mo temong ya bone.
O gateletse thata segolo bogolo gore balemi ba sale ditaelo tseo fa ba dirisa melemo e e lwantshang mohero, a tlhalosa fa e le borai fela thata mo matshelong a batho fa e ka se dirisiwe ka fa tshwanelong.
Kgosi o ne gape a tlhagisa balemi fa ngwaga ono go gatelelwa thata gore go dirisiwe metlhale ya segompieno ya temo jaaka go lema ka ditselana ka go lemosegile gore fa e dirisiwa sentle e ntsha maduo a a nametsang fa e tshwantshanngwa le ya bogologolo.
Ka jalo kgosi a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompioeno go sa tlhole go lemelwa go jela mo ganong, mme go lemelwa kgwebo. A re metlhale e mesha ya temo e ka thusa go menagane go ntsha thobo e e bonalang ga mmogo le go baakanyetsa temo nako e sa le teng.
O ne a tswelela ka go lebogela balemi ba kgaolo ya gagwe go bo ba ne ba leka ka bojotlhe go lema ka bokete ditema tse di itumedisang mo temong e e fetileng.
A re thobo e e fetileng e dikile e nametsa e bile a re o dumela fa bontsi bo se kake jwa wela mo isong ka ba na le se ba tla itshetsang ka sone. O bile a ba rotloetsa go itoma molomo wa tlase go lema go gaisa ngogola.
Go sale foo, Kgosi Kgamane a seka a ipona tsapa go iteela beng ba leruo go bo ba dikile ba tlhokometse leruo la bone ka botswerere go gaisa dingwaga tse di fetileng, go le itsa go senya kwa masimong.
O ne a ba kgothatsa go tswelela ka mowa oo, o a supileng o eletsega e bile o le botlhokwa fela thata ka a re leruo le na le seabe se segolo mo go fokotseng thobo fa le ka lesediwa go senya mo masimong.
Fa a itebaganya le balemi, o ne a ba rotloetsa go tlhokomela masimo a bone go tloga ka nako ya temo go fitlha ka nako ya thobo, a re ba tshwanetse go lemoga fa puso e dirisisa madi go ba tlamela ka tsotlhe tse di tlhokegang mo temong di akaretsa menontshane, dipeo le gone go ba duelela ditema.
A re ba ka tlhokomela temo ya bone ka go agelela masimo le gone go leta dinonyane ba tsentse moko mo nameng.
E re dikgang di eme jalo, kgosi o ne a gwetlha Batswana ka kakaretso go ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone, a kaya fa tlhopho ya bone e le botlhokwa go aga lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebatsaletswe Ongadile
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Oct 2014