Breaking News

Baithuti ba rotloeditswe go ithuta temo-thuo

13 Oct 2014

Baithuti ba sekole se segolwane sa Mathiba kwa Kanye ba kgothaditswe go ithuta ka tsa temo-thuo ka botswapelo ka gore ke tsone tse di ka ba thusang mo isagong go ntsha dijo tse dintsi le go dira mebereko mo lefatsheng la Botswana.

Puo e, e ne e tla ka molemi morui yo o tumileng thata kwa Kanye e bile ele mokhanselara wa Ntsweng Bophirima, Rre Patrick Ralotsia, kwa kabong dimpho ya sekole seo ka bofelo jwa beke.

Rre Ralotsia o ne a abela moithuti yo o pasitseng thata ngogola, Rre Thabiso Mokweetsi, kgomo e namagadi, e le nngwe tsela ya go rotloetsa baithuti go tsena mo temong.  Thabiso o ne a gaisitse botlhe ka go tsaya maemo a ntlha mo dithutong tsa gagwe mme a amogelwa kwa sekoleng se segolwane sa Seepapitso.

Rre Ralotsia o boletse fa Batswana e le batho ba temo thuo, mo puso e lekang thata go ba thusa ka mananeo ao gore ba ijese le bo morwaraabone.

O rotloeditse baithuti go tsena thata mo dithutong tsa mohama wa temo, ba ithutele boranyane jwa dijo, go rua leruo le go itse ka tse tsotlhe tsa tlhokomelo ya leruo, go lwantsha diji, le gone go lema ga segompieno. 

O rotloeditse batsadi ba bana go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone, ba ba lemotshe ka botlhokwa jwa thuto.

Le fa go ntse jalo, mogokgo wa sekole sa Mathiba, Rre Monametsi Sanako, o lebogetse mpho ya kgomo e e filweng Thabiso, a bolela fa go tla tiisa baithuti moko gore ba dire thata mo dithutong tsa bone, mme a kopa batsadi ba bangwe go tsaya malebela.

 Rre Sanako o boletse fa meletlo ya bone ya kabo dimpho e na le makgwere a mantsi ka letlhoko la madi, a bolela fa meletlo ya mofuta o e le botlhokwa thata ka e rotloetsa baithuti go tlhoafala thata mo dithutong. 

O boletse fa sekole sa gagwe ngwaga o o fetileng se ne sa iteka thata. 

O rotloeditse batsadi le barutabana go bereka ka bongwefela jwa pelo go tlhakanela thuto ya bana.

Mogokgo o boletse fa moono wa letsatsi leo e ne e le, ‘Every child must succeed’, kana ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go atlega. 

Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Kabo dimpho

Date : 13 Oct 2014